Threadfin Bream

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Threadfin bream

Leina la Metshamekwane

Spinecheek, Butterfly bream, False snappers

Leina la Maranyane

Nemipteridae

Semeto

E ka nna 25 cm, fa bontsi bo ka nna 18 cm.

Ponalo

Mmele o moleele ka sebopego sa kgolokwe ya lee le makwapa a magolo ka molomo o monnye. Tse dingwe di ka nna le mmitlwa ka fa tlase ga matlho a tsone fa tse dingwe di ka nna le di-filamente kwa godimo ga mogatla wa kwa morago.
Mebala ya tsone e a galalela mme e a farologana ka ga o ka bona mmala wa selefera ka bontsho go ya go borokwa jo bosetlha le borokwa jo bo lefitshwana. Ka dinako tse dingwe o ka fitlhela mela ya mmala wa lephutshe mo go tsone.

Dikitsiso

Lelapa la Nemipteridae le na le mephato e ka nna 5 le dibopiwa di le 64. Di sikana la di-snapper. E ka fitlhelwa mo mafikeng a corale, di thuma gaufi le lefatshe la lewatle. Di tla ema ga di ka nkgella dijo mme di tsome. Ka di nako tse dingwe o ka di fitlhela kwa dinokeng. Di tsala ka go tshela mae a a nonofileng mo metsing.

Dijo

Di fepa ka ditlhapi tse dinnye, cephalopods, crustaceans le polychaetes (diboko). Tse dingwe ke di-planktivores (di ja Plankton fela).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.