Ruddy Turnstone

Leina

Ruddy Turnstone

Leina La Se-Latin

Arenaria interpres

Lepala

Arenariidae

Boleele

23cm

Tulo

E etela thata lefatshe le le seretse la kwa lebopong le lotshitshi, segolo thata lotshitshi lo lo matlapa; ena le go ya kwa metsing a kwa naga-gare.

Khudugo

Mofudugi wa selemo go tswa kwa Palaearctic o o fitlhelwang go ikala le lobopo le ditlhaketlhake tse di kwa lotshitshing.

Modumo

Fa di tshwentswe di fofela kwa tlase mo godimo ga metsi di tswikinya modumo wa tsona wa 'kit-it-it-it' kgotsa 'chidda-chidda-chidda'.

Tsadiso

Mofuta wa ga jaana o tsadisa fela kwa dikgaolong tsa Arctic, ditla borwa jwa Equator mo dikontinenteng tsotlhe fa e le mariga kwa bokone.

Thanololo Ya Dithuthugi

Ka mariga mafofa a mmala o mosetlha le bosweu mo tlhogong, dikarolo tse di fa godimo di borokwa ka dipatso tse di setlha le bosweu. Kgokgotso le dikarolo tse di fa tlase di tshweu ka mola o o sephara wa dipatso tse di tshetlha le bosweu go kgabaganya sehuba. Molongwana o o motsu o montsho mme maoto a mmala wa namune.

Thanololo Ya Tse Kgolo

Ka selemo tlhogo le molala di nna le mafofa a mmala o montsho le bosweu, fa godimo ga magetla le mafofa a maphuka ke mmala o o borokwa jo bo hibitshwana.

Boemo

Moeti wa selemo o o tlwaelegileng.

Kanamo

E tlwaelegile kwa Langebaan.