Nine-awned Grass
Lefielo

© N.Juergens

Leina

Lefielo

Leina La Se-Latin

Enneapogon cenchroides

Ditiriso

Ke tlhaga e ê thata e ê ka melang ka go kitlana kwa nageng, segolo thata morago ga komelelô le/kgotsa phulô e ê feteletseng. Lefielo ke mosemolodi o ô mosola o ô ka thopang le go sireletsa naga e ê petlekilweng.

Thanololo

Boleele jo bo fitlhang 1m. Matlhare le dithitô di apesitswe ke meritshana e e kitlaneng e le boleta. Thunya-kakaretso ke ngatana e e kitlaneng e le meritshana e ê isang go ntlhaneng e ê motsu, e bulegile kgotsa e funyetse. Dinoko di kitlane ka meritshana.

Tulo

Lefielo gantsi le mela kwa nageng e e petlekilweng. Le ka fitlhelwa gape go ikala le ditsela. Le mela thata mo mmung o ô motlhaba o le legwarapana mme le tlwaelegile kwa nageng tsa ditlhare tsa mophane le kwa kgaolong tsa letlapakalaka.

Thunyô

Sedimonthole – Motsheganong.

Dintlha Tlhagiso

Lefielo le fitlhelwa kwa borwa jwa Sahara, go tloga kwa Sudan borwa go tsenelela ka Afika Borwa. Ke mofuta wa tlhaga ya tshimololô e ê boleng ka gore e thibela go gogolega ga mmu mo dikarolong di le dintsi tsa kontinente – e kgona go melela ka pela mo mmung o ô petlekilweng le o ô sentsweng, segolo thata morago ga kômelelô le phulô e e feteletseng.