Batsonga ba itsewe thata ka ngwaoboswa ya bona e e humileng e e theilweng mo go tshamekeng mefuta e e farologaneng ya didiriswa tsa mmino. Tseno di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse tharo: tsa megala, phefo le tse di itewang.
Didiriswa tse di botlhokwa tsa megala di akaretsa bora ba go na le moseto bo bo roromang (xizambi), e e tshamekang ke rammino yo o tshotseng mogala (gantsi lekwati kgotsa o logilwe) mo menong a gagwe, go ntsha molodi; kotana ka dintsha molodi tse di e dikologileng e a forotlhiwa go ya kwa godimo le kwa tlase mo mesetong ya bora, ka nako ya mmino.
Xitendze ke bora ka lekukane le le bofeletsweng mo go yona jaaka sentshamolodi mgangala, e sa ntse e tshamekiwa le gompieno, ke bora ba letlhaka bo bo lolea bo bo tswalwang ka menwana, fa xipendana e leng bora ba mogala-lethale ka go dirisa setshwaro se se tswalelwang ka tshipi e nnye e e sephara.
Didiriswa tsa phefo ke: ke fulute ya sefapano (xitiringo) ka mesimana e meraro, dipeipe tsa modisa (nanga), le trompeta ya lenaka la tshepe (mhalamhala).
Didiriswa tse di itewang di na le meropana le meropa. Moropana o o sephara o o sediko (tsomane) o tshamekiwa ke dingaka go fodisa batho ba ba na le mewa e e bosula. Meropa e akaretsa ndzumba le xigubu, se se tshamekiwang ke basimane le basetsana ka nako ya go ropa ka go latelana ngoma, e e dirisiwang mo mebinong ya go keteka.
Didiriswa tse pedi (tse e bile e seng tsa setlogo go Batsonga) di wela kwa ntle ga ditlhopha tse di latelang: piano ya seatla ka megala ya mathale e le robedi, e ka nnang disentimetara di le 10 (4 diintšhe) botelele le 1 sentimetara (1/2 diintšhe) bophara, e tlhomameng mo karolong e e kwa tlase ya logong, e tshamekiwa ka go kgotla megala ya mathale; e nngwe ke mofuta wa saelofone ka khiibhoto ya legong le diletsamolodi tsa lekukane.
Mmino wa o setse o fetogile fa e sa le e ne e la ntlha o kwadilweng ka bo1920. Gompieno ke gongwe mmino o o rategang thata o o kgabagantshang mo nageng, go kopanya ditso tsa selegae le tse di tlisitsweng go tswa kwa ntle.
Translated by Lawrence Ndou