Karologanyo le Phuthelo ya Mae

© Chris Daly
Cleaning eggs.

Go sireletsa badirisi le go thibela go sa utlwane ka puo, batlhagisi ba tshwanetse go obamela Regulation no. 725 e e rebolwang ka fa tlase ga Agricultural Product Standards Act, Act No 119 ya 1990 fa ba batla go rekisa mae.

Bogolo Jwa Nnete

©Chris Daly
Seno se raya gore: Mae a bogolo jo bo farologaneng ga a tshwanela go pakiwa mmogo mo selwaneng se le sengwe, mme a tshwanetse go bontshwa ka go kgaogana fa a rekiswa ka bongwe. Bokete jo bo latelang bo a diriswa:
  • Lee la Super Jumbo le tshwanetse go nna bokete jo bo fetang 72g
  • Lee la Jumbo le feta 66g
  • Lee la Extra Large le feta 59g
  • Lee la Large le feta 51g
  • Lee la Medium le feta 43g
  • Lee la Small le feta 33g
  • Mae a bogolo jo bo Mixed a tshwanetse go nna bokete jo bo fetang 33g mme a tshwanetse go tshwaiwa ka go bonala gore ke a bogolo jo bo tlhakatlhakaneng le fa a rekiswa ka go arogana gore go se nne le ketsaetsego

Grading ya Nnete

Mae a di grade tse di farologaneng ga a tshwanela go pakiwa mmogo mo selwaneng se le sengwe mme a tshwanetse go bontshwa ka go kgaogana fa a rekiswa ka bongwe. Mae a a sa obameleng grade 1, 2 kgotsa 3 a ka se rekiswe mo Afrika Borwa.

Grade 1/Grade A

Kgwang ya lee e tshwanetse go nna kima mme lee le tshwanetse go nna le tlae e e kgolokwe e ntse sentle mo gare ga lee. Boroe bo tshwanetse go nna jo bonnye, go ya boteng jo bo sa feteng 6mm, mme bo tsamae go sa fete 6mm go ya ntlheng efe kgotsa efe fa lee le sekamiswa ka tsepamo. Lee ga le a tshwanelwa go nna le bonnyenyana jwa nama, mme kgapetla e tshwanetse go nna phepa, e sa phanya mme e tiile. Dikgwang tsa mae di tshwanetse go nna le boleng jwa haugh jwa bonnye 55 units. (Selekanyo seno se leba boleng jwa protein ya lee, go ya ka boleele jwa kgwang ya lee. Mae a a foreshe a boleng jo bo kwa godimo a na le dikgwang tse di kima go feta tsa mae a boleng jo bo kwa tlase.)

Grade 2/Grade B

Ke bonnye jwa mae ano jo bo rekiswang kwa mabenkeleng. Tlae e papetlanyana mme kgwang e tshesane mo go ya mae a Grade 1. Boroe bo na le boteng jo bo fitlhang go 9mm mme bo tsamaya bonnye jwa 12mm go ya ntlheng efe kgotsa efe fa lee le sekamiswa. Kgapetla ga e a phanya, e ka nna le kutlotshwaro e e makgwakgwa mme e ka nna leswenyana kgotsa ya nna le dipatso. Dikgwang tsa lee di tshwanetse go nna le boleng jwa haugh jwa bonnye 35 units.

Grade 3/Grade C

Ano ga a rekiswe kwa mabenkeleng. Tlae e papetla mme e ka nna oblong ka sebopego, fa kgwang e le tshesane le go nna metsi. Kgapetla e ka tswa e phanyegile le go nna dipatso.

Phuthelô le Tshwaô

©Chris Daly
Sephuthelô sa mae ga se a tshwanela go fana ka tatsô kgotsa monkgo ope. Se tshwanetse go tia, se sa senyega mme se tswalege sentle go sireletsa mae ka motsi wa go tshwarwa le go tsamaiswa. Ga se a tshwanela go hupa bongôla jo bo feteletseng ka nako ya tsidifatso mme se tshwanetse go phepafatswa ka nepô mme matshwao a kgale a tshwanetse go ntshwa, fa sephuthelô se diriswa gape.
Phuthelo e e maleba e akaretsa ditlatlana tse di motlhofo fa mae a tsamaiswa sekgala se se khutshwane le fa a kokoanywa, filler trays le diphuthelô tsa polystyrene. Mae a free-range, mae a sefala le mae a a tlhwekisitsweng a tshwanetse go obamela melawana e e kailweng go ka tshwaiwa jalo. Tshedimosetso e e latelang e tshwanetse go nna mo setshwaong:
  • Leina la setlhagiswa
  • Leina la khampani (leina la go gweba)
  • Dintlha tsa mopaki
  • Letlha la pele ga go bola
  • Palo ya mae
  • Trade Metrology
  • Bogolo
  • Naga ya Tholego

Translated by Nchema Rapoo