Hammerhead Sharks

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Hammerhead sharks

Tse dingwe mo Lelapeng

Scalloped, Kidney-headed, Southern, Bronze

Leina la Maranyane

Sphyrnidae

Semeto

E ka nna 6m

Ponalo

Tlhogo ya di’Hammerhead e farologane that le ditlhogo tsa ditlhapi tse dingwe mme e bonala ka yone. Tlhogo e sephaphathi mme e bophara. Matlho le diphatlha tsa dinko di kwa bofelelong ba hamore e nngwe le e nngwe. Di hamore tse di bidiwa cephalofoil.

Dikitsiso

Lelapa la Sphyrnidae le na le mephato e le 2 le dibopiwa dile 8. Di’cephalofoil di dirisetswa go nkgengkgella, go sasanka, le go berekana le setlhabelo. Ka dinako tse dingwe o ka difitlhela dile mmogo ka makoko a tsone di ka nna 100. MMala wa tsone o ka nna lefitshwana fa di ka iphitlela dile mo metsing aa se boteng thata lebaka le le telele. Di itsege e le dibopiwa tse di leng viviparous ka fa bana ba tsone ba tsalwa go tswa mo mpeng y mmatsone. Bana ba tsalwa ba na le ditho tsotlhe tsa mmele wa tsone. E ka tsala bana ba le 15-30.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dimarapo, di’skates le di’rays, squid, di’crustaceans, di’octopus le tse dingwe. Di tsoma gantsi kwa boteng ba lewatle.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone:

Great hammerhead
Sphyrna mokarran
Smooth hammerhead
Sphyrna zygaena
Scalloped hammerhead
Sphyrna lewini