Go Apaya ka Kgogo

© Chris Daly

Selo se se gaisang ka kgogo ke gore bojotlhe jwa yona bo ka diriswa, o ka ja nama ya yona e e dikotla tse di kwa godimo mme o dirise marapo a a setseng go dira morô. Nama gape e kgona go dirwa ka go farologana mme e ka beswa, ya dirwa setšhuu, khêri kgotsa ya kerilwa. Butcher SA e fa maele a go e apaya a a latelang:

Kgogo e e Feletseng

©Chris Daly
Dikgogo tse di feletseng di teng kwa marekelong di na le mateng kgotsa di sena mateng. Mateng ke lereo le le dirisetswang kokoanô ya ntshu, philo, pelwana, sebete le molala. Fa o reka kgogo e e feletseng ka mateng, mateng gantsi a phuthelwa ka kgetsana ya polasetiki e e tsenngwang ka mo gare ga kgogo. Kgetsana ya mateng e tshwanetse go ka ntshwa pele o apaya kgogo.
Kgogo e ka apewa e feletse kgotsa ya kgaoganngwa go ikala le lerapo la mokwatla (spatchcocked). Kgogo e e feletseng e ka mareneitwa mme ya kerilwa, ya tsenywa mo ontong kgotsa ya beswa.

Diphuka

©Chris Daly
Diphuka di dira sejô-monate se se êlêdiwang kgotsa sejô sa ntlha, segolo thata ka sauce e e kgomarelang kgotsa mareneite. Di ka kerilwa kgotsa tsa beswa.

Sehuba le Tenderloin

©Chris Daly
Dihuba le tenderloin di na le nama e tshweu e e nang le mafura a le mannye. Tenderloin e boruma go se nene go feta sehuba sotlhe. Dihuba le tenderloin di ka beikhwa, tsa apewa ka metsi, tsa kerilwa, tsa tsenywa mo ontong, tsa gadikwa ka botsona, kgotsa tsa tsenywa mo disalateng, disopông kgotsa mo setšhuung. Di ka rekwa di sena matlalo kgotsa di na le diphukana (diphuka tse di arogantsweng kwa ditokololong) le letlalo.

Maoto

©Chris Daly
Maoto, a a akaretsang serope, a kaiwa fa e le dikarolwana tse di monate tse di tatsô thata tsa kgogo. Di ka marineitwa mme tsa kerilwa kgotsa tsa beswa, tsa diriswa mo kaseroleng, khêri kgotsa mo setšhuung.

Mateng

©Chris Daly
Sebete ke motswedi o o siameng wa iron le protein mme se ka gadikwa ka pane le garlic le ditlhatshana-mere tse dingwe go ka tlhagisa bomôtô jwa sebete. Se siametse gape kgadiko e e boteng. Nose to Tail e rotloetsa go inelwa ga sebete mo teng ga buttermilk kgotsa mo metsing a a esiti pele se ka apewa go tlhofofatsa tatsô.
Mateng a a setseng, eleng ntshu, pelwana le diphilo, a ka tlhakanngwa go tlhagisa morô, kgotsa a gadikwa. O seke wa tsenya sebete fa o dira morô, ka ntlha ya gore se tlile go fa morô tatsô e e botlha.
Ntshu e na le iron, di-vitamin A le C, calcium, sodium le potassium tse di kwa godimo, fa pelwana e le motswedi o o siameng wa protein, iron, vitamin B12, folate le zinc.
Moêtsê wa tlhogo o sethemi, o na le seelô se se nnye sa di-protein le esiti ya amino. Ke ditswakwa tse di tumileng mo dijong tsa Chinese dim sum le Italian Cibreo. Dithele di na le protein, sodium, potassium, iron, zinc, phosphorous le magnesium mme di diriswa mo sopông kgotsa mo setšhuung. Meêtsê le dithele di tshwanetse go ka phepafatswa le go bediswa go tlebola letlalo pele di ka apewa.
Maotwantwana a kgogo a tletse ka protein, calcium, collagen le cartilage. A ka gadikwa kgotsa a bediswa go tlhagisa sopô kgotsa morô. Letlalo le tshwanetse go ntshwa mo maotwantwaneng pele a ka apewa.

Translated by Nchema Rapoo