Crayfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Lobsters

Leina la Matshamekwane

Crayfish

Leina la Maranyane

Nephropidae

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi bo ka nna 30 cm.

Ponalo

Sekgapa sa yone se tiile go e sireletsa. E na le dipara dile tlhano tsa maoto. Tse dingwe di na le dinala tsa di’claws. E na le dinaka tse ditelele mo tslhogogong ya yone (Long antennae). Carapace kgotsa sekgapha sa ka fa tlase se bokgwakgwa, mme tse dingw di na le dimmitlwa tse ditlhabang mo go tsone.
Mebala e a farologana, e ka nna bontsho, borokwa, botala ba legodimo, mmala wa lephutshe, pinki, mmala wa namune le botala bo a bonwa.

Dikitsiso

Lelapa la Nephropidae le na le mephato e ka nna 11 ka dibopiwa di ka nna 24. E bonwa mo matlapeng kgotsa mafelo a santa, jaaka mafika le dithaba tsa dicontinente. Di’Lobsters di apola lelalo la tsone gore dikgone go gola. Ga di kgone go bona sentle. Fa di ka tshosetswa di tla tshaba ka go phuthela le go phutholola mpa ya tsone gore dikgone go sasanka.
Tse di namagadi di tshwarelela peo ta tse ditona mo mpeng ya tsone gore di e dirise fa nako ya go tsala e fitlha. Mae a tsone a tshwarelelwa ka fa tlase ga dimpa go fitlhella a thuba. Mme seo se ka tsaya sebaka la dikgwedi dile 10-11.

Dijo

E fepa ka tlhapi, di’crustaceans, diboko le dijalo tse dingwe. Di selasela masadisa a tse dingwe kgotsa gone go ja nama e e suleng.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a lefatshe.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Long-legged spiny lobster - Panulirus longipes
Ornate spiny lobster - Palaemon adspersus
Painter rock lobster - Panulirus versicolor