Barracuda

© Johan Boshoff

Leina la Mophato/Lelapa

Barracuda

Leina la Matshamekwane

None

Leina la Maranyane

Sphyraenidae

Semeto

E ka nna 1,8 m

Ponalo

Mmele o moleele, o bophaphathi kwa matlhakoreng, ka megatla ya mokwatla e e phuthulogileng thata. Seledu sa kwa tlase se se telele mo go sa kwa godimo ka tlhogo e e motsu le molomo o motona. Meno a yone a matelele mme a bogale. Gantsi e bonwa ka mmala o borokwa le bosetlha (greyish-brown) kwa godimo le bosilifera ka fa tlase. E ka nna le methalo ya mebalabala kgotsa ditsubaba tse di seng maleka.

Dikitsiso

Lelapa la Sphyraenidae le na le leloko le le esi ka diboiwa dile 18. E fitlhelelwa boteng ba 100 m mo lewatleng. Sebopiwa se se Pelagic mme ke motsumi o o botlhales. Tse dinnye di nna gantsi ka ditlhopha, fa tse dikgolo di nna ka bonosi. Fa e tsoma e ka thuntsha ka lebelo la 45 km/h. Batshwaraditlhapi ba e tsomela metshameko ya go gapa dikgele. Pelagic spawner.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dingwe mme e ka ja le tse di suleng.

Anamiso

E bonala gantsi mo metsing a a mofuthu a mawatle a lefatshe.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Great barracuda - Sphyraena barracuda
Sawtooth barracuda - Sphyraena putnamiae
Yellowtail barracuda - Sphyraena flavicuada