Barberton Daisy

© Jacques Marais
Barberton Daisy.

Leina

Barberton Daisy

Leina La Se-Latin

Gerbera jamesonii

Thanololo

Barberton ke daisy e nnye ka ngatana ya matlhare a a bopegileng fela fela; gantsi a arogane thata. Dithunya tota ke ditlhogwana tsa dithunya tse di diriwang ke dingatana tse di kitlaneng tsa dithungwana tse di nnye mme di le di ntsi. Mmala wa dithunya o ka nna khibidu, pinki, wa namune kgotsa serolwana mme di tlhagelela ka Phatwe go ya go Sedimonthole.
Popego ya tlhogo ya sethunya e fapaana e le tota. Mefuta e le mentsi e na le ditlhogo tse di bopegileng jaaka konopo e sena lelobantle, fa mefuta mengwe e na le lelobantle le le tshwailweng ka dikôlô go gogela dikhukhwane tse di dulafatsang tse e di etsisang. Lolapa lwa Daisy ke lengwe lwa malapa a dithunya a magolo thata mo lefatsheng, ka mefuta e e fetang 23,000.

Tulo

Barberton Daisy e mela kwa Porofenseng ya Bokone ya Afrika Borwa le kwa Kruger National Park.

Peo

Dipeo tsa di-daisy di na le maodi a le mannye kgotsa sediriswa sengwe sa phofo go thusa go gasaganngwa ke phefo.

Dintlha Tlhagiso

Barberton Daisy e itiretse maemo a go latelwa mo dikgaolong dingwe tsa Afrika Borwa, mme ke sekanô sa ditlhopha tsa metshameko di le mmalwa, go akaretsa sa rugby sa Blue Blues le mekgatlho mengwe. E tlhagisiwa gape mo folageng le Coat of Arms ya porofense ya Mpumalanga.
E thailwe leina go ya ka molemogi wa yona, Robert Jameson, le lefelo mo e lemogilweng teng, toropo ya Barberton kwa porofenseng ya Mpumalanga. Barberton Daisy ga jaana go akangwa fa e le sethunya se se kgetlhiwang thata mo lefatsheng go dira thulaganyo ya dithunya.