Goya ka fa go buiwang, motlhala wa Bapedi o ka selwa morago goya kwa Maroteng, matlhogela a Bakgatla, ba gompieno eleng bontlhana jo bo botlhokwa jwa Batswana. Go dumelwa fa mo dingwakgolong tse di fetileng, ka bo-1500, batho ba Maroteng ba ne ba dula gaufi le motswedi wa Lekwa. Ka fa tlase ga Kgosi Tabane ba fudugetse kwa Skilpadfontein ya gompieno gaufi le Pretoria.
Kinane ke gore ka motsi wa puso ya ngwanaangwana Tabane, eleng Motsha, mohumagadi wa gagwe yo a mo ratang thata, Mmathobele, o ne a latofatswa ka go belega ngwana yo 'a neng a lela fa a santse ale mo popelong ya gagwe' (se goneng gotwe ke sesupo sa boloi). Bagolo ba ne ba lopa gore ngwana le mmaagwe ba bolawe. Go thibela seno, Thobele, yo a neng a tlhatlhame Motsha, o ne a ikgaoganya le morafe. Ene mmogo balatedi ba le ba ntsi, go akaretsa Mmathobele le ngwana wa gagwe, ba ne ba leba botlhaba, go kgabaganya Noka ya Olifants (Lepelle) gaufi le Marble Hall ya gompieno.
Ba ne ba ipaya kwa nokeng ya Steelpoort (Tubatse) e ka nna ngwaga wa 1650. Fa ba kgabaganya dithaba tsa Leolo, go begwa fa ba fitlhetse mmutlwa wa noko mo mmotong wa ditshoswane, seno se ne sa tsewa jaaka letshwao la tse di siameng. Go tloga ka motsi oo batho ba Maroteng ba ne ba tsaya noko jaaka seanô sa bona mme ba tlhama boitshupo jo bo itlhaotseng. Mo tsamaong ya nako, batho ba Maroteng ba ne ba tlhoma borena go okama kgaolo e e atologileng.
Megopolo e arogane ka fao Bapedi ba boneng leina la bona. Mogopolo mongwe ke gore leina ke tshenyô ya Vhambedzi, leina la setlhopha sa BaVenda se se dulang mo dithabeng tsa Leolo. Go dumelwa fa ba rutile bafaladi ba Maroteng ba ba kwa godimo ka palo bokgoni jwa bona jwa boroba-tshipi. Mo tsamaisong, Vhambedzi ba ne ba kometswa ka iketlo, mme kgolagano ya morago ga fao e ne ya itsagale jaaka Bapedi.
Translated by Nchema Rapoo