African Wild Cat
Katse ya naga

© Roger de la Harpe

Leina

Katse ya naga (Felis silvestris)

Ponalo

Ka dingwaga di le dikete di le thataro tse fitileng kwa Egepeta ba sa le ba fetola Katse ya naga go e dira ya se legae go laola di peba tse di neng di senya dikiri tsa dithollo tsa bona. Go tse di tlwaeditsweng, ke fa goo nna le tlholego ya Katse ya kwa gae. Le ge e le matjato a go namela ditlhare, Katse e phela fa fatshe.

Dijo

Katse ya naga ya Afrika e rata go ja magotlo le dipeba, e fela ge tsona (magotlo le dipeba) di se teng go mme go dumelesega, di ja dinonyane le nama ya batho, le mmutla thaba le mmutla.

Pelego

Di tlhakana k abo tona le bo tshegadi mo dikgweding tsa bo Motsheganong le Ferekgong. Di dusa mo malatsing a 65. Tse nnye di tsalwa ka dikgwedi tsa bo Lwetse le Tlhakole. Di tsalwa ka palogare ya tse tharo.

Boitshwaro

Ka ge e le mo lelokong la phologotswana e go so ithutweng ka ga ona, ga go kitso e e kalo ka ga boitshwaro jwa tsona. Kwa ntle le go farologana ga ditsebe le maoto a ma telele, diphologolo tse go bonolo gore motho a ka di tsaa jaaka dikatse tsa kwa gae, gonne ke losika lo lo tshwanang mme kganagola ya gore di tlhakane ka botshegadi le bo tona. Katse ka tlwaelo e phela e le nosi ntle le ge e le dinako tsa go tlhakana ka botona le botshegadi. Diphologolo (Dikatse) tse di godileng go na le kgonagalo ya gore di itlhopele fo di phelang mo nageng.

Di fitlhelwa kwa kae?

Dikatse tse tsa naga e bile e leng tse di phepa ka ga setso sa tsona, matsatsi a gimpieno di fitlhelwa mafelong a kwa kgole. Mafelong a mangwe di tlhakana ka bo tona bo botshegadi le Dikatse tsa kwa gae.

Dipalopalo tse di botlhokwa

Boima jwa mmele (Tshadi): 2,6 go ya go 5,5 ya dikilograma
Boima jwa mmele (Tona): 3,8 go ya go 6,4 ya dilikilograma
Boleele (Tshadi): disentimetara tse 90
Boleele (Tona): disentimitara tse 90
Nako ya go dusa: Dikgwedi tse pedi
Palo ya tse di nnye: 2 go ya go 5
Mofuta: Diphologolo tse di jang nama
Lelapa: Lelapa la Dikatse tsa naga tse di phelang ka nama
Pepego: Ke tse di 2 go ya go 5 tse di nnye mme nako ya go dusa ke dikgwedi tse 2.

Motlhala wa maroo a yona

Motlhala wa Katse ya naga o tshwana fela e bile o lekana le tsa kwa gae.

Tshupô ya Phage

Phage, Felis silvestris lybica, ke mofuta wa phologolo e e tlholegileng mo Afrika, mme ke badimo ba katse ya selegae. Di lebega jaaka dikats...more