Aardvark
Kolobe ya Mosima

© Nigel Dennis

Leina

Kolobe ya Mosima [Orycteropus afer]

Ponalo

Di bophara jwa mmele jo bo disentimitara tse 110 le boleele go ya kwa magetleng jwa disentimetara tse 60, mme mogatla wa yona o boleele jwa disentimetara tse 60 go ya go 70. Letlalo ke le le bosoeu botlhoogo kgotsa botlhoogo jo bo bosoeu jo bo nang le moriri o o makgwakgwa o o serolwana. E na le nko e e telele e e thata ya go itshireletsa go ditshenekegi. Mmele o mo nnye o o thata wa Kolobe ya Mosima e e nang le mokwatla o o kukegileng.
Maoto a yona a a kwenneng a dikaganyeditswe ke boa jo bo swana, a a kwa pele ona a na le menwana e e mene mme e e kwa morago a na le menwana e e me tlhano e bile e na le mengapo e me telele ya manala. Mengapo e me kima ya leoto le le kwa pele le diriswa go epa. Kolobe ya Mosima e dirisa mengapo ya ona le go tsamaya. Tlhogo ke e tshesane e telele mme e na le sefene se se jaaka sa kolobe. Mme sona se dikaganyeditswe ke boa jo bosweu jwa dimilimitara tse di 25-50. Ditsebe ke tse di kgolo mme di a kobega kwa bofelelong.
Mogatla ke o mosifa o o mogolo le ona o kobegile kwa pele. Seo Kolobe ya mosima e tlhagelelang ka magetla go yona ke meno a a leng mmalwanyana go feta a diphologolo tse ding tse di antshang e bile mo go tse di kgolo a fitlhelwa kwa motlhagareng o o kwa morago. Meno a yona ga a kgomarediwa ko motlhagareng e bile a mela botshelo botlhe ba yona. Gape meno a yona ga a mele otlhe ka nako e le esi. Meno a ntse sentle ka lenaneo mme ga a na medu. Meno ga a dikaganyetswa ka sephadimiswa se go tweng ke enamel jaaka a diphologolo tse di ding tse di jang nama mme a dikaganyeditswe ke sephadimiswa sa samente.

Dijo

Dijo tsa Kolobe ya mosima di akaretsa motlhwa le ditshenekegi tse ding. Di ja mo bosigong mme di latela tsela ya motlhwa go leba kwa diolong. Di ja ka go feela lefatshe ka nko ebile di tsamaya ka mokgwa wa manyoke. Di tsamaya lebaka le le fitlhang dikilomitara tse di fitlhang 16 bosigo go ya go tsoma. Di ja ka go thuba diolo tsa metlhwa di dirisa dinala tsa tsona tse di thatafetseng. Le ka leleme la tsona le le kgonang go taologa (300 ya dimilimitara), le ka mathe a a makima, a a ngaparelang di a dirisa go tshwasa ditshenekegi le go di metsa. Gape di itumelela go ja magapu. Ka ntata ya dijo tseno tse di kgethegileng meno a mo marameng a fokotsega, a feleletsa ele ao a a segang kwa godimo mme di a dirisa go thuba dikgapetla tsa ditshenekegi.

Pelego

Dikolobe tsa mosima ga di na setlha sa go tlhakana jaaka ya tshadi le e tona. E dusa sebaka sa dikwedi tse di 7 mme go bo go belegwa kolojana e le ngwe. Kolojana e tlhaga e le mmala o o yang kwa bo hibidung mme ga e na bowa. E tshwanelwa ke go nna dibeke tse di ka nnang pedi kwa mosimeng pele e ka tswela kwa ntle le mma yona. Tse di nnye di simolola go ja dijo tse di thatanyana ka dikgwedi di le thataro mme di tlogedisiwa letsele fa di le dikgwedi di le supa. Di simolola go tlhakana le ya tshadi kgotsa ya poo fa di le dingwaga di le pedi.

Boitshwaro

Kolobe ya mosima e phela e le nnosi ga ntsi, le fa e le gore ka malatsi a mang e iphara fa molomong wa mosima go aramela letsatsi. di robala ka go kudupana jaaka kgwele. Ke diepi tse di golo tsa mesima, maoto a kwa pele a dirisiwa jaka di diriswa tsa go epa, tse di lokolosang mmu le go o kgarameleletsa kwa morago le kwa mathoko. Kolobe tsa mosima di epa mesima ka mabaka a mmalwa, di tsoma dijo, tshireletso ya tsona le go aga lefelo la polokego mo di tlileng go godisa tse di nnye.

Di fitlhelwa kwa kae?

Dikolobe tsa mosima di fitlhelwa kwa sub-Sahara, Afrika kwa Savanna, mo mafelong a bojang tse bulegileng moo mmu wa teng o leng bolete le mo dijo le metsi a leng teng. Ga di fitlhelwe mo mafelong a a omileng le fa go nang le maje jaaka dikaka. Dikolobe tsa mosima gantsi di ila dikgwa.