Prawns

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Prawns

Leina la Maranyane

Dendrobranchiata

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 12 cm.

Ponalo

Mmele o moleele o o aparetsweng ke sekgapa se se tiileng. Manakana a maleele.E na le dinala tsa go tlamparela mogo dipara dile tharo tsa maoto. Shrimpe yone e na le dinala tse mogo dipara dile pedi tsa maoto fela, ebile di dinnenyana. Tse dingwe tsa dibopiwa tse dina le ‘rostrum’ e e telele(Nko e e telele ka bosesane e e motsu ya ditlhapi). Mebala ya tsone e a farologana ka fa di bonala ka boshibidu, mmala wa namune le wa lephutshe, bontsho, bosweu le pinki. Diphethene tse di bonalang mo letlalong la yone e di dirisetsa go iphitlha mo mafelong a a farologaneng (camouflage).

Dikitsiso

Tlhamagano ya kwa tlase ya Dendrobranchiata e na le malapa a le 7 ka mephato e ka nna 26.
Shrimp le yone ke nngwe ya tlhamagano eo. Leina la yone le raya gore “Magalapa a go hema a setlhare” (tree gills). Di fepa masigo, mme di bonwa kwa mafelong a mafika kgotsa a santa. E namagadi e tshela mae mo metsing, mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka detritus le algae.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Eastern king prawn - Penaeus plebejus
Plain shrimp - Palamoen adspersus
Night shrimp - Processa sp