Wildebeest
Kgokong

© Shem Compion

Kgokong – Tebego

Mmele o o ntshofetseng wa mmala wa bosetlha jwa selefera o supilwe ka methalo e mentsho mo dikarolong tsa maoto a kwa pele. Dikgokong di kaiwa ka moêtse o mo telele o montsho le ditedu tsa bowa tse di leleketlang mo kgokgotsong le mo molaleng.
Bong ka bobedi bo tswa dinaka tse dikhutshwane tse di kobegileng. Dinaka tsa dipoo tse di tona di kokomogile go utlwala. Bokete jwa dipoo ke 250kg fa boleele kwa magetleng e le 1.5m. Ditshegadi di dinnye nyana, ka boleele jwa 1.4m kwa magetleng le bokete jwa 180kg.

Tsadiso

Kgokong e tsala go ya ka setlha. Tsalo ya dinamane, e le nngwe ka nako, e diragala ka selemo morago ga dikgwedi di le robongwe tsa go dusa. Namane e kgona go siana le motlhape metsotso morago ga tsalo.

Maitshwaro

Phudugo goya ka setlha ene e le mokgwa wa phalolo o o neng o letlelela tiriso e e siameng ya didiriswa mo dikarolong tse di kgolo, mme seno se fokotsa tiriso e e feteletseng, mo setlheng se se bongôla le se se omileng.
Ke seja-dimela se se botsalano, ka metlhape e e nang le maloko a le lesome go ya go le a le dikete di balwa. Dipoo di babalêla kgaolo tsa tsona fa motlhape o thibeletse.

Di Fitlhelwa Kae

Kanamo ya tsona e ikadile thata kwa dikarolong tse di kwa bokone-botlhaba jwa Afrika Borwa. Ga di kaiwe jaaka diphologolo tse di mo kotsing, fela di fitlhelwa gantsi kwa mafelong a a sireleditsweng.
Di ikadile gape kwa dikarolong tse di kwa bokone jwa Afrika Borwa. Go oketsega ga tsona go kganelwa ke go kampelelwa ga tsone, se se thibela phudugo ya tsone ya tlhago le tlholego.