White Faced Duck
Sehudi Sa Fatlhego-Tshweu

© Shem Compion
White-faced Duck.

Tebego

Tsa tona tse di godileng di tshweu mo halofong ya fa pele ya tlhogo mmogo le mo kgokgotsong, karolo tse di setseng tsa tlhogo le molala di dintsho ka dipatso tse tshweu fo tlase ga molala. Go ya tlase ga molala le magetla a maphuka go borokwa jo bo hibitseng; matlhakore ana le dikôlô tsa khutlo-nne tse ntsho mo lemoragong le le sweu. Fo go setseng gwa dikarolo tsa mmele tse di fa tlase, ka mo tlase ga maphuka, karolo e e fa tlase ya mokokotlo le mogatla, gotlhe gono go gontsho. Mokokotlo le fa godimo ga magetla go borokwa jwa motlhware jo bo nang le melelwane e e borokwana jwa go tshubiwa ke letsatsi. Matlho a borokwa, molongwana o montsho, dinao, menwana le letlalo le le fa gare ga menwana di botala jwa legodimo ka matshwao a mantsho. Tshegadi e a tshwana, fela ena le dikôlô tsa mmala wa go rusa mo karolong e e fa pele ya tlhogo le mo molaleng. Le fa sehudi seno sena le molala le maoto a maleele go dihudi tse dingwe, ga se fetse nako e le ntsi se kotame mo ditlhareng ka se ithatela motlhaba. Se itshwara thata jaaka leganse kgotsa swan gona le jaaka sehudi.

Phepo

Di ja medi ya kwa tlase ga metsi le dithôtse tsa dimela tsa metsi, le bo-kgopa, le diphologotswana tsa metsi, le ditshedi tse di senang lerapô la mokwatla jaaka ditshenyekegi tsa metsi. Ka tlwaelo di tsaya dijo tsa tsona ka go thobunyela mo metsing.

Tsadiso

Dintlhaga di agiwa ka matlhare fo fatshe kwa dikgweng tse di tletseng metsi, gape le mo ditlhareng tse di dikhuti. Go phepafatsana mafofa ka tumelano go tshameka karolo e e botlhokwa mo popông ya dipara le mo tshomarelong ya dikamano. Peelo ena le mae a le 6 go ya go 12, bakapelo ka bobedi ba elama mae matsatsi a le 28 go ya go 30. Dihudinyana gantsi di fitlhiwa mo gare ga dimela tsa kwa metsing ke batsadi ba tsona.Maitshwaro

Maitshwaro

Ke setshedi se se botsalano thata, ka digopa tse ka gantsi di fitlhang makgolo-kgolo ka palo. Go phepafatsana mafofa ka tumelono go agegile thata mme go botlhokwa mo tshomarelong ya kamano ya leruri ya dipara. Patlo ya dijo e diragala thata bosigo, ka fao gona le phofo e ntsi ka mafifi. Gona le go tlhotlhoma go le gontsi ga nonyane e. Gantsi e bonwa ena le Sehudi Sa Molodi se se serolwananyana.

Gangwe le gape se ntsha modumo o o kgethagetseng wa molodi o mo sesane o o yang tlase le godimo, o o sa tshwanneng sehudi. Modumo wa ya tona le ya tshegadi o farologana gannye mme seno e ka nna mokgwa wa go amana. Tebego ya sona e e gogelang e dira gore e tume go ba ba kgobakanyang dinonyane tsa metsi. Gantsi di mo digopeng. Di fetsa nako e le ntsi di dutse mo dintshing tsa noka. Patlo ya dijo gantsi e diragala bosigo; motshegare dinonyane tseno di ikhutsa gaufi le metsi, nako dingwe ka digopa tsa maloka a le makgolo a le mmalwa, ntse di phepafatsa mafofa a tsona le a tse dingwe. Dihudi Tsa Molodi di rata ditlhare go feta mefuta e mengwe ya dihudi, di fetsa karolo ya letsatsi di kotame mo kaleng. Ke dithumi tse di lobelo fela ga nke di thobunyela ntle fela le ga di tsaya dijo.

Tulo

Di fitlhelwa kwa matamong, matšha, dinoka, kwa makopanelong a dinoka le mawatle, matamo a soritšhi le mabala a a fa thoko ga metsi. Mefuta e e farologaneng ya metsi a a phepa, mafelo a dikgwa tse di tletseng metsi jaaka matšha, dikadiba tsa seretse le dikgwa tsa tlhaga ya metsi. Di fitlhelwa ka sewelo le kwa gaufi le didibana.

Di fitlhelwa kae

Di fitlhelwa kwa Zimbabwe, Mozambique, Bokone jwa Namibia, Botlhaba jwa Botswna le karolo e e kwa Botlhaba jwa Afrika Borwa.

Leina La Se-Latin

Dendrocygna viduata