Unicornfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato/Lelapa

Unicornfish

Leina la Maranyane

Naso

Semeto

E ka nna 1 m, fa bontsi bo ka nna 40 cm

Ponalo

Mmele wa sebopego sa kgolokwe ya lee (oval shape) ka boleele, mme gantsi e ka nna le lenaka mo godimo ga tlhogo ya yone (leina seromo). E na le mmitlwa o o bogale kwa mogatleng wa kwa morago (caudal peduncle-tail base) fela jaaka di-surgeon tse dingwe. Mebala e ka farologana ka ga e ka nna borokwa, kgotsa selefera e e galalelang, mmala wa lephutshe le botala ba legodimo. Tse dingwe di ka nna le ditsuzbaba tse dinnye.

Dikitsiso

Dibopiwa tsa mophato wa Naso di na le dibopiwa di le 19 tse di farologaneng. Di ka bonwa mo matlapeng a lewatle ka bongwe kgotsa ka dipara. Ke diphologolo tse di bonolo mme di ka go sega botlhoko fa o ka di tshwenya. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka algae, detritus le plankton. Di ja merogo fela (Herbivores).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bluespine unicornfish
Naso unicornis
Humpback unicornfish
Naso brachycentron
Orangespine unicornfish
Naso lituratus