Umbrella Thorn
Mosu

© Nigel Dennis

Leina

Mosu

Leina La Se-Latin

Acacia tortilis

Thanololo

Lekwati le magwatata mme le bosetlha go ya bontshong ka mmala. Setlhare sena le phutagalo ya mmitlwa o le nosi o o tlhamaletseng ka mmitlwa o monnye wa huku fa thoko ga ona. Mebitlwa e mesesane mme e tlhoga ka dipara. Dithunya di tlhoga ka setlhotshwana mo logong la kgale. Dithunya ka botsona ke dikgwele tse di bosweu jwa lobebe. Diphotlwa di mmala o o borokwagouta jo bo thuntseng mme di kgweleane di sokeletsegile. Matlhare a mannye thata mme seno se fa mokgele wa setlhare tebego e e boleta ya mafofa. Diphologolo tse di fulang di ja matlhare mmogo le mebitlwa, di ja mebitlwa bonolo fa e le meša e le boleta. Mebitlwa e e godileng e e thata e ka nna sethibedi sa go o fula go feta selekano.
Mebitlwa e motsu ka bosweu, e mengwe e tlhamaletse fa e mengwe e le huku. A rulagantswe ka bongwe kgotsa ka dipara. Setlhare se thunya ka Sedimonthole (selemo) ka dithungwana tsa tlhogo ya sethunya tse di kitlaneng di le tshweu, fela thunyo e ka nna fale le fale go ya ka pula. O na le borulelo jwa segologolo jo bo bopegileng jaaka mokgele jo bo amangwang le ditlhare tsa mebitlwa. O fitlhelela boleele jwa magareng a 5-20m ka tlhago. Dinonyane di le dintsi di dirisa bomolemô jwa tshireletso ya setlhare seno mme di age dintlhaga mo borulelo jwa sone. O tsaya nako go gola mme kwa bofelong o fitlhelela boleele jwa magareng a 3-5m ka bophara jwa 8-13m.

Dithunya le Leungo

Acacia tortilis [Mosu] o ntsha palo e e kwa godimo ya diphotlwa tse di jewang ke diphologo tsa naga le tsa selegae, mme nako nngwe le ke motho. Diphotlwa ke metshope e e ikgarileng ka kitlanyo, di borokwa jo bo thuntseng, mme di wela fatshe di sa bulega. Di kgobakana ka palo e e kwa godimo mne di jewe ka seshabo ke diphologolo di etsa thôlô, phala, tshukudu le tlou. Seno ke mokgwa o dithôtse tsa sephotlwa se se sa bulegang di gasaganngwang ka teng go tsadisa le jalo e e botoka, morago ga go feta mo maleng a phologolo. Diphotlwa tsa ditlhare tse dingwe tsa acacia di phatlhoga pele di fitlha fa fatshe, ka jalo di gasaganya dithotse ka go di phatlhalatsa.

Ditiriso

Legong le dirisetswa go dira dipale tsa legora, dikgong tsa molelo, fenetšhara le maotwane a kariki. Diphotlwa di dira furu e e siameng ya difudi tsa kwa sekakeng mme matlhare le ona a jega, ke sengwe sa ditlhare tse kgolo tse di fanang ka furu mo setlheng sa komelelo kwa dikarolong tsa Sahara-Sahelian. Lekwati le dira tlhale kwa Tanganyika. Borokhu go tswa mo setlhareng bo a jega mme bo jewa ke batho ba ba sa itsholelang. Ke setlhare se se umakwang mo go thopiweng morago ga dithota kwa India le Afrika. Dikala tse di mebitlwa di dirisiwa go aga dihôkô le masaka a nakwana. Lekwati le kaiwa e le motswedi o o siameng wa tannin.
MaAfrika ba kile ba gokêlêla diphotlwa mo dibageng tsa molala. Batho ba kwa Senegal ba dirisa medi go dira matshwaro a lerumo, ba kwa Lake Chad ba dirisa dithito mo marumong a go tshwara tlhapi. Batlhotlhonyi ba Afrika gantsi ba dirisa medi ya sone e e kobegang go dira forêimi ya marobalo a bona a nakwana. Diphotlwa le matlhare di tletse dikotla mme di jewa ke diphologolo tse di tlhaga le diruiwa. Dikgabo le ditshwene di ja diphotlwa tse nnye tse tala; diphologolo tse dingwe di ja diphotlwa tse di welang fa fatshe.

Tulo

Mosu o mela kwa dithoteng tsa motlhaba le kwa menamellong e e matlapa go ya kwa botlaseng jwa dikgophu, o kekologa mafelo a a tamang metsi go ya ka setlha. O kgona go falola komelelo. Mosu o mela kwa dikarolong tse di nang le boelo jwa pula jo bo ka nnang kwa botlase jo bo etsang 40mm le bodimo jwa 1200mm ka ngwaga, ka ditlha tsa komelelo tse di ka etsang kgwedi tse 1-12. Setlhare seno se rata mebu ya alkaline mme fela di ka mela mo mebung ya saline le gypseous.