Tshupô ya Phage

©Robert Hofmeyr
Phage, Felis silvestris lybica, ke mofuta wa phologolo e e tlholegileng mo Afrika, mme ke badimo ba katse ya selegae. Di lebega jaaka dikatse tsa Selegae, fela di na le maoto a matelejana a a di letlang go emelela ka go rapalala ka tlhamalalô.
Diphage di na le boboa jwa mmala wa motlhaba goya go o o borokwa jo bo khibitswana, tsa mmala o o tseneletseng di fitlhelwa gantsi kwa dikgaolong tse di metsi fa tsa mmala o o setlhefetseng kwa dikgaolong tse di omeletseng, di na le methalo e e bonalang thata, e e ratileng go tshwana le ya katse ya tabby, fela methalo ele mmalwa e katogane ka bophara. Gantsi di nna le didibo tse di mmala wa lobebe mo dikgokgotsong, mo dimpeng le mo magareng ga maoto a kwa pele.
Phage e e godileng e tlile go nna boleele jwa 85 goya go 100 cm le bokete jwa 2,5 goya go 6 kg. Motlhala wa tsona o tshwana le wa thwane, fela o monnye. Boleele jwa lenao la kwa pele le la kwa morago a ka fa letlhakoreng la moja bo ka nna 36 mm.
Ke diphologolo tsa bophelanosi, ntle fela le ka paka ya tsadisano kgotsa fa tshegadi e godisa dikatsana. Ditshegadi di tlhagisa go fitlha go dikatsana di le tlhano ka tlhatsô nngwe le nngwe, tse di simololang go tsoma fa di le bogolo jwa dibeke di le 12 mme di ikemele fa di le bogolo jwa dikgwedi di le tlhano.
Di kwadisitswe jaaka diphologolo tse di mo kotsing, ka ntlha ya fa di diriswa mo tsadisano- magareng le dikatse tsa selegae. Matsopa a a sa tswakanngwang a nyeletse gotlhelele mo dikarolong dingwe tse go nang le dikatse tsa selegae.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Roger de la Harpe
Diphage gantsi di ja diphologotswana, tse di jaaka magotlo, mebutla, dinonyane, digagabi, digwagwa le digokgo, fela di kaiwa fa ele ditlhasedi tse di kgolo tsa dikgogo le dikonyana tse potlana tse di bogolo jwa malatsi ale mane mo mafelong mangwe.
Di tsaya fela konyana ele esi ka nako, mme konyana gantsi e longwa fa kgokgotsong, e gogagogwe mme nako dingwe le go khurumetswa. Go tlile go nna le matshwao a mongapô ka fa tlase ga letlalo. Nako nngwe konyana ga e bolawe, mme seno se ise kwa molaleng o o rurugileng, tlhogo e e lepeletseng mme konyana e dire modumo wa go kgakgasetsa gotswa phatlheng ya kgokgotso. Diphage gantsi di ja nama ya sehuba mme bokafagare jwa dirope bo tlile go jewa, fa mateng a tlogelwa.

Taolô

Diphage ga se gantsi di baka bothata jo bogolo go leruo. Ditshenyô di ka thibelwa ka tiriso ya legora la phokoje (legora la sefo le le bogodimo jwa 1.2m ka diphatlhana tsa 74mm), legora la motlakase, go tlhatlhelwa mo lesakeng ga diphologolo tse di amegang, dikobi tsa modumo, lesedi le monkgo, tiriso ya diphologolo tsa tiso, tse di jaaka dintša tsa Anatolian, ditonki kgotsa bontlokwe, le badisa go ka tlhokomela dinku ka dinako tsa botlhasedi.
Balemirui ba tlhoka lekwalotetla go tshwara diphage. Tiriso ya dihôkô tsa serai ka segogedi, tse gantsi di dirisetswang thwane, e dira sentle mo maitekong a go tshwara dikatse tseno.
Go bona tshedimosetso ka botlalo golagana le Predation Management Forum.

Translated by Nchema Rapoo