Tlhagiso ya Catfish mo Afrika Borwa

©Nigel Dennis
Catfish ke tlhapi e e golelang ka bonako ya mo metsing a a bothitho, e e tshwanetseng tlhagiso ya mo dithulaganyong tsa metsi a a bothitho. Tlhagiso ya catfish mo Afrika Borwa e lekanyeditswe fela e bontsha bokgoni jwa kgolô jo bo golo.

Mekgwa ya Catfish

Go na le mefuta ya tlhapi ya metsi a a foreshe ele mmalwa e e neelanang ka go feta bongwe jwa mekgwa e e latelang go bolemirui jwa ditshelawatle:
Kgolô ya ka bonako. Catfish e ka gola go fitlha go 1 kg mo dikgweding di le 6.
Tlhwatlhwa-tlase go fepiwa. Catfish e ja sefepi se se ikaegileng ka merogo.
Di umile thata: Di ka tlhagisa go fitlha go mae ale 50 000 go kg nngwe le nngwe ya bokete jwa mmele mme di tlile go ntsha mae dibeke dingwe le dingwe di le 8.
Khem e kwa tlase mo ebileng dielô tsa oxygen eseng bothata.
E letla temôthuo ya bontsi jo bo kwa godimo thata goya dielông tse di fetang 500 kg ya ditlhapi go 1000 litres nngwe le nngwe.
E tota e tiile mo temeng ya boleng jwa metsi.
Boleng jo bo matsetseleko fa go tliwa mo boleng jwa nama, mme ga gona marapo mo fillet.

Mofuta o mongwe, sharptooth catfish Clarias gariepinus, o tshwaya mabokosi otlhe mme o tota ele konokono ya mefuta ya tlhapi ya temôwatle mo lefatsheng. Ka jalo ga go makatse gore tlhagiso ya lefatshe ya mofuta ono e gola ka lobelo lo lo bofefo.

Tlhagiso ya Catfish ya Lefatshe

©Leslie Ter Morshuizen
Bogolo jwa tlhagiso ya catfish bo diragala kwa Nigeria kwa Afrika Bophirima, fela gona le dinaga tse dingwe di le mmalwa tse di tlhagisang bontsi jwa tlhapi eno e e gakgamatsang, go akaretsa Holland, Hungary le Cuba.

Ka maswabi, Afrika Borwa e santse e saletse morago, le fa go ne gona le peeletso e kgolo mo bolemiruing jwa tlhapi eno mo nageng ka dingwaga tsa bo-1990. Kgatlhego mo bolemiruing jwa catfish e wetse tlase morago ga dingwaga di le mmalwa. Badiredi ba ne ba tsepamisitse tlhaloganya thata mo tlhagisong mme ba sa tseye tsia papatso ya catfish mo go lekaneng. Fa ba ne ba setse ba siame go ka rekisa tlhapi ya bona, ba ne ba fitlhelela gore go na le kgano e kgolo ya badirisi kgatlhanong le catfish mo Afrika Borwa, ka ntlha ya dithulano tsa sedumedi, ka ge tlhapi eno e sena makwapa, le ka ntlha ya kakanyô ya gore catfish ke seselasedi.
Go na le tsosologo ya kgatlhego mo bolemiruing jwa catfish go kgotsofatsa ditlhôkô tsa selegae, le fa tlhôkô ya ntshetsôntle le yona ele teng. Madirelo-potlano ale mmalwa a simolotswe ka kelotlhoko, ka fa a ithutile gotswa go dipalêlô tsa maloba. Bongwe le bongwe bo tlhabologela ka iketlo le go netefatsa fa bo na le mmaraka wa setlhagiswa jaaka ba tswelapele.
Bodirelo bo le esi jo bogolo jwa catfish bo tlhomile lefelo-tirelo kwa Graaff-Reinet. Fano catfish e a ruiwa, e phetolelwe go ditlhagiswa tsa catfish tse di jaaka sausage le burger patty le go phasalatswa go ralala Kapa Botlhaba. Setswa-setlhagisweng sengwe le sengwe se fetolelwa go nna dijo tsa diphologolo tsa gae. Patlisiso e e dintlha ya mmaraka e dirilwe ka legato la borulaganyi go netefatsa fa ditlhagiswa tsa boleng-tlaleletso di tota di na le mmaraka.

Translated by Nchema Rapoo