Tlhagiso ya Carob mo Afrika Borwa

© Emőke Dénes
Carob trees planted in Anthens, Greece.
Le fa go na le kgonagalo e kgolo ya gore carob e diriswe jaaka sejalo sa dijo se se humileng ka protein se se ka jewang ke batho le diphologolo, carob ga e lemiwe ka bontsi jo bo ka dirisetswang kgwebo mo Afrika Borwa. Le fa go na le masimo a a tlhomilweng kwa Kapa Bophirima, ga gona molemirui yo o tlhagisang carob ka seelo se se lotseno.
Gape, ga gona phetolo ya diphotlwa tsa carob e e dirwang mo Afrika Borwa - lorole lotlhe lwa carob lo rekwa gotswa kwa dinageng-ntle. Phepô ya diphotlwa tsa carob kgotsa ditlhagiswa tse di amanang le carob ga e a akaretswa mo phepông ya diphologolo mo Afrika Borwa, fela balemirui ba letlelela diphologolo go ja diphotlwa tse di humileng ka sukiri. (Go bona tshilô-dijo e ntle, diphotlwa le dithapô di tshwanetse go segaganngwa ka hammermill).
Dipatlisiso dingwe tse di dirilweng ke Lukas Iipumbu mmogo le lefapha la bonetetshi jwa dijo kwa Stellenbosch University, di tsentse tirisong go dirwa ga ditlhagiswa tsa dijo di le tlhano tse di ntšhwa ka go dirisa carob jaaka setswaki - senkgwe, bogobe, sejofitlhilo, mousse le sênô sa mašwi. Tseno tsotlhe di ne di ka se tlhagiswe le go ntshwa ka seelo sa kgwebo ka ntlha ya ge tlamela e e tsepameng ya carob ga mmogo le ditlamelo tsa phetolelo ya carob di tlhokega.
Go ya ka Dr Pippa Karsen, mmatlisisi wa bonetetshi jwa dimela kwa Lefapheng la Temôthuo la Kapa Bophirima, ka kgwebo, temô ya carob e tshwanetse fela dikgaolo tsa tshologo ya dipula tsa mariga. ‘Diphotlwa tsa carob di butswa ka selemo mme fa di bona pula ka selemo diphotlwa di a gakologa le go bela.’ Jalô ya carob ka jalo e rotloeletswa dikgaolo tse di senang pula tsa selemo kgotsa tsa dipula di le dinnye tsa selemo.
Carob e na le setlhare sa tona le sa tshegadi, mme ke sa tshegadi fela se se enyang diphotlwa, le fa mefuta mengwe e enya dithunya tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi. ‘Fa o jala matlhogela o tlile go itse fela mo dingwageng di ka nna tharo gore a ke tona kgotsa tshegadi. Ditlhare dingwe tse re di lemogileng, di thunya fela fa di le dingwaga di le tlhano’, go tlaleleditse Dr Karsen.
Ditlhare tsa carob di tlhoka taolô e potlana, di itshokela komelelô mme di na le disenyi di le mmalwa.Translated by Nchema Rapoo