Thuo ya Dipodi tsa Selegae mo Afrika Borwa

©IVG
Dipodi di ne di le mo gare ga diphologolo tsa ntlha tse di ruilweng ke motho go ka tlhagisa nama, mašwi, matlalo le tlhale.
Dipodi tsa selegae di gorogile mo Afrika Borwa ka karolo ya bofelo ya Paka ya Lejwe le merafe e e fudugang, mme di fitlhelwa kwa dikgaolong tse kwa go tsona ditlhopha tsa lotso tse di farologaneng di neng di dula teng. Tebego-kakaretso ya dipodi tseno e tshegetsa dikakanyo tsa gore di tlholegile mo dithulaganyong-tshelô tse di farologaneng. Matsopa anô a a farologaneng a dipodi a akaretsa:
Mbuzi - mebalabala ka ditsebe tse di lepeletseng go se nene
Eastern Cape Xhosa - mebalabala le ditsebe tse di lepelelang
Northern Cape - ditsebe tse di lepelelang le dikôlôkôlô
Mofuta wa Kunene (Kaokoland) - mebalabala le ditsebe tse di lepelelang
Podi ya selegae e gape e itsagaleng jaaka 'Indigenous Veld Goat' (IVG) e kwadisitswe semmuso jaaka letsopa ka 2006, mme mokgatlho wa batsadisi o ne wa tlhongwa. Podi ya selegae e tsadiswa ka tlhagô ka ntlha ya bomanontlhotlho jwa yona. Di tshwana le tshêpê ka maoto a maleele, ka jalo di tsamaya ka bonolo mme di ka tsamaya dikgala tse di telele, goya go fula mefutafuta ya dimela. Di ka fula matlhare (±60%) kgotsa tsa fula bojang (±40%) mo mefutafuteng ele mentsi ya dimela, ditlhatshana le bojang, mme di na le bokgoni jwa go tlhopha phepô ya boleng jo bo kwa godimo mo nakong e khutshwane, mme di ka bona phepô gotswa mo matlhareng a boleng jo bo tlwaelegileng. Di na le letlalo le le kima le gantsi le nang le dibakammala tse di siameng tsa tlhagô, ka sebakammala se se siameng mo dikarolwaneng tse di bonolo go tlhaselwa ke bosa (tlhogo, ditsebe, molongwana, sehuba, mokokotlo le kwa tlase mo maotong), go di sireletsa kgatlhanong le letsatsi.

Bomolemô jwa Dipodi tsa Selegae

©Marinda Louw
Dipatlisiso di fitlheletse fa dipodi tsa selegae di sa tsenelelwe thata ke malwetse a a rwalwang ke dinta (jaaka heartwater), di itshokela metlhampepe mme gantsi di kgonana le komelelô le malwetse fa go bapiswa le dipodi tsa nama le tsa mašwi. Seno se isa tlase ditshenyegelo tsa tsona tsa tlhokomelo. Bontsi jwa dipodi tsa selegae di tswa cashmere ka mariga, e e tlebogang ka setlha sa selemo. Dipodi tsa selegae di nna mo seêmông sa go ka tsala di sale diša, di na le paka ya tsadiso e telele mme di tlhagisa dipotsane ngwaga otlhe. Di ka gangwa sebaka se se ka fitlhang malatsi ale 274, di tlhagisa 1.46kg ya mašwi ka letsatsi. Mašwi a na le 5.2% ya mafura a mašwi (lobebe), 3.8% ya protein le 4.8% ya lactose.
Dipodi tsa selegae di tlhagisitse seêlo sa mafura a mašwi le protein se se kwa godimo thata go feta sa dipodi tsa Saanen, fela ntshô-mašwi mo dipoding tsa selegae e kwa tlase thata. Dipaka tsa tsona tsa ntshô-mašwi di di khutshwane, di lekanetse ditlhokegô tsa dipotsane tsa tsona go se nene. Seno ke phapaano go dipodi tsa selegae tsa tsadiso-matsopedi tsa Saanen le Saanen X, tse di tlhagisang mašwi a mantsi mo pakeng ya ntshô-mašwi ya go feta dikgwedi di le 9 kgotsa 10.
Tlhopho e e kelôtlhokô le tsadiso gotswa dipoding tsa selegae e isitse kwa go nneng teng ga matsopa a magolo ale mararo mo Afrika Borwa - podi ya Boer, podi ya Kalahari Red le podi ya Savannah.

Dipalopalo tsa Motheo tsa Dipodi tsa Selegae

©Marinda Louw
Dipodi tsa selegae di na le sebaka se se bogareng sa go dusa sa dikgwedi di le tlhano - e ka nna malatsi ale 15 - mme di tlile go tsala potsane ele nosi kgotsa mafatlha a bokete jo bo ka nnang 2.5 kg. Dipotsane di tla kgweswa fa di le bokete jwa 12 - 15 kg. Seno ke fa di le dikgwedi di le 3 goya go 3.5 mo dipotsaneng tsa tona le dikgwedi di le 3.5 - 4 mo dipotsaneng tsa namagadi, le fa barui bangwe ba kwa Kapa Botlhaba ba kgwesa kapaters (tsa tona tse di fagotsweng) tsa bona fa di le dikgwedi di le 5.
Namagadi e e godileng ka botlako e tlile go nna le bokete jwa 35 - 40 kg. E tlile go siamela tsadisano fa ele dikgwedi di le 9 ka bogolo. Tona e e godileng ka botlalo e tlile go nna le bokete jwa 45 - 50 kg.
Selekanyetsô se se siameng sa tona go namagadi ke phôkô ele 1 go dinamagadi dingwe le dingwe di le 20. Dipaka tse di kgolo tsa tsalô ke Moranang go fitlha Seetebosigo kgotsa Lwetse go fitlha Sedimonthole.
Podi ya selegae e na le sebaka sa botshelo sa dingwaga di le 10 - 12.

Ditlhagiswa tsa Dipodi tsa Selegae

©Marinda Louw
Nama ya podi (chevon le cabrito) - e metsi ka tatso e e siameng mme e na le seêlo se se kwa tlase sa cholesterol.
Leruo la tsadiso - dipodi gotswa kwa dikgaolong tsa heartwater (kwa bolwetse jono jo bo tsholwang ke dinta bo fitlhelwang) ga di tsenwe ke bolwetse jono. Heartwater e fitlhelwa mo bogolong jwa sub-Saharan Afrika, fela bolwetse jono ga bo teng kwa sekakeng se se omeletseng sa Kgalagadi le dikgaolo tse di omeletseng tsa lobopo tsa Namibia le Afrika Borwa.
Matlalo - a ka tlhagisa mefutafuta ya mebala ya diphethene go dira dilwana tsa letlalo ‘le le nang le boboa’.
Letlalo le le boleng - le le sa dirwang dipatso ke melongô ya dinta.
Mašwi - a diriswa mo malapeng ale mantsi, mme a phetolelwa go ditlhagiswa tse dingwe tsa mašwi jaaka cheese.
Cashmere - Cashmere ke boboa jo bo sesane jo bo tlhagiswang ka mariga. Tlhagiso ya cashmere e siametse thulaganyo-thuo ya itlhokomelelo, mo barui ba nnang le kamanô e e tseneletseng le diphologolo tsa bona, mme ba itse ka nepô fa pêolô e e magoletsa e direga le gore ba ka kama dipodi leng.

Translated by Nchema Rapoo