Temothuo ya Leungo la Drakone

©Ramon F Velasquez

Temothuo ya leungo la drakone e dirwa lefatshe ka bophara, moo mameo a boso a mekasetorofeie mo o tsghwanetseng. Se se akaretsa Aforika Borwa, fao ntshoku ya diromelwantle ya maungo a dikgapetla tse di nonneng moo di melang thata. Vietnam ke montshakuno o motona thata mo lefatsheng wa leungo la drakone, leo gape le itseweng jaaka pitaya.

Go Jalwa Jang Leungo la Drakone

Leungo la drakone le patlalatswa go gaisa go tswa mo dikotaneng tse di kgaolwang.

Dijalo di tlhopha mmu wa mafelo a a gamotsweng sentle a a bothito a nang le pula e e ka nnang 400 mm le go fitlha kwa go 500 mm ka ngwaga. Tjalo ya kitlano e e godimo ya go fitlha go 1 250 ya djalo godimo ga hektare e ka laolwa bonolo ka katologanyo ya 4 m x 2.5 m go ya go 5 m x 2.5 m, go ya ka thulaganyo ya tshegetso.

Dithito tse di tona tsa diteng di ka gola go fitlhela kwa go 4 m, ka setlha se se nosi sa go mela mme di tshwanetse go katisiwa le go bofiwa mo koteng e le nngwe kgotsa thulaganyo ya tshegetso ya 1.8 m go ya kwa godimo. Dipalo tsa seka samente di dirisiwa ka bophara le tse tharo go ya go tse nne di ka katisiwa mo palong e le nngwe.

Mo fatshe ga maemo a Aforika Borwa, segolo-bogolo kwa mafelong ao pula e nang ka ngwaga bofatshe bo bo fetang 400 mm ka ngwaga, nosetso ya leungo la drakone e eleditswe; nosetso e ka ntshu kumo ya leungo le le kgolwane.

Leungo la drakone le mela go gaisa mo mmung le monontsha wa dijalo.

Tulafatso ya Dithunya tsa Leungo la Drakone

Dithunya tsa leungo le letona le le nkgang sentle le le thunya fela bosigo bo bo ngwe mme di dulafatswa ka tlhago ke didulafatsi tsa bosigo tse di jaaka bomamanthwane le metoutwane. Go fitlhetswe gore tulafatso ya seatla ya dithunya tsa leungo la drakone a ka kgona go oketsa bogolo ba leungo, fela mo Aforika Borwa, dinotshe di nna le seabe mo tulafatsong ya leungo la drakone.

Dithunya di simolola go bulega ka 18:00 mme di tswalela fela ka 11:00 mo mosong o o latelang, di tlogela nako e e lekaneng gore dinotshe di dirise modula o o humileng wa dithunya tsa leungo la drakone. Dithunya di fitlhela 30 cm ka bogolo a a nang le modula o o ka nnang 100g, ka jalo e le go tlhakanya leungo la drakone le temothuo ya dinotshe di ka nna tlhopho e e botlhokwa go fapantsha thulaganyo ya temothuo, ka tlaleletso ya mosola wa tulafatso e e okeditsweng, go eletsa Max Van Heerden wa Dragon Fruit South Africa.

Lesedi le maemo a bosa di rotloetsa go thunya mme leungo la drakone le tlhoka diura tse di 12 - 14 tsa lesedi ka letsatsi, ka fao lesedi la maitirelo le ka dirisiwa go oketsa go thunya. Mo Aforika Borwa, se ga se kgonege mme go tlhwatlhwa e e kwa godimo, fela dipatlisiso tse dingwe ka tlaleletso ya lesedi e ka dirwa kwa Amorentia Estate & Nursery kwa Limpopo. Diura tse pedi go ya go tse tharo tsa tlaleletso tsa lesedi la maitirelo le ka dirisiwa kwa dinageng (sekao, Vietnam) fao khupetso ya maru mo nakong ya selemo e fokotsang ponalo ya lesedi la letsatsi.

Disenyi le Malwetsi a Leungo la Drakone

©Dragon Fruit SA

Dijalo tsa leungo la drakone di amega ka marang a letsatsi a a tseneletseng, segagane le go nosetsa ka go fetisa kgotsa mmu o o matlepu-tlepu. Go bolela nnete, diphologolo tse di jaaka diruiwa, dinonyana le ditshwene di rata maungo le matlakala, mme dijalo tse dingwe tsa leungo la drakone di kwa tlase ga moriti wa letlowa go sireletsa leungo le le butswang go tswa kwa dinonyaneng le tshenyo ya sefako. Mo Aforika Borwa, moriti wa letlowa ga o dirisiwe ka bophara.

Dipatlisiso tsa Aforika Borwa di tlhoma mogopolo thata mo taolong ya disenyi le malwetsi kwa temothuong ya maungo a drakone.

Disenyi di akaretsa ditshenekegi, dinta tsa eie, ditshoswane, dikhunkhwane tsa dikgapetla, dikhunkhwane tsa mmidi, dikgogolaboloko, dikgopa, diepa mesima, tseo di bitswang "nematodes", dintshi tsa maungo le dipeba.

Malwetsi a leungo la drakone a akaretsa go bola ga thito, Anthracnose (ye e tlholang dintho tse bokhibidu-borokwa) le ditwatsi tsa mouta jaaka Fusarium spp. le Aspergillus spp. Mo godimo ga moo, leungo la drakone ke mong-gae wa ntshi ya leungo la matlhasedi kgotsa kalafo ya moya o o fisamg di ka dirisiwa go bolaya twatsi. Mo Aforika Borwa, go dira serai sa ntshi se dira sentle.

Dintlha tsa boleng tse di botlhokwa thata ka go romelantle leungo la drakone ke thurugo le diphitisetso tsa mouta tse di amanang le go butswa go feta ga leungo.

Thobo ya Leungo la Drakone

Jaaka fa leungo le tlhabologa, le simolola go fetola mmala mo malatsing a le 26 - 30 morago ga tulafatso. Le tshwanetse go nna le siametse go robiwa mo malatsing a ka nnang a 30 go ya go 34, mo malatsing a seng makae fela morago fa leungo le fetositse mmala.

Tshupane e e tlwaelegileng ya leungo la drakone le akaretsa mmala wa letlalo, palogotlhe ya diesete le maemo a sukiri (tekanyo ka ºBrix) fela tekatekano e e siameng mo magareng ga maemo a esiti le sukiri di netefatsa tatso e e kwa godimo, go raa jalo Howard Blight wa Amorentia Estate & Nursery kwa Limpopo.

Kwa morago ga thobo ka seatla, leungo la drakone le tlhatswa ka meetse mo sebolaya twatsing sa gerata ya dijo le gerata ya bogolo ka gerata ya bokete. Leungo kwa bofelong se se tlhaolwa go ya ka tshenyo ya ponalo, sekao, ditshoswane kgotsa dintshi tsa leungo, go omelela, mmala wa letlalo, gammogo le mmala le maemo a dikgapetla.

Dijalo di ntsha leungo mengwaga e mebedi morago ga jalo, mme e ntshwa kuno ka botlalo mo mengwageng e metlhano. Go ya ka sejalwana le maemo a dijalo, poelo ya 15 go ya go 35 ya ditone mo godimo ga hektare e ka letelwa.

Tiragatso ya kwa Morago ga Thobo ya Leungo la Drakone

Leungo la drakone la thomelo kwa ntle le ka phuthelwa ka letlowa la pholisthareine le le sweu, jaaka la diphopho, di phuthetswe ka pampiri, mo dikhathoneng tse di sephaphathi kgotsa di-punnet. Go bontsha leungo la drakone ka bontsi mo mabenkeleng, le ka phuthelwa ka bontsi go ya ka 10 kg.

Leungo la drakone le ka nna le botshelo ba šelefo ya dibeke tse pedi fa le bolokilwe ka 10ºC. Go romelwa ntle, leungo la drakone le tshwanetse go bolokwa mo go 3ºC go ya go 5ºC go ya botsshelo ba šelofo bo bo mo magareng ga malatsi a 27 le 42.

Phiso ya ka botlalo bo utlwalang ke bo mo 85% - 90%. Botshelo ba šelefo bo ka katoloswa ka go dirisa mowa ka nako ya go boloka go go tsididi, fao dikgetsana tse di fetoletsweng tsa mo lefaunfaung e ka atolosa botshelo ba šelefo ba leungo la drakone go fitlhela malatsi a 42.

Fa leungo la drakone le butswitswe go feta, sekao, leungo la maemo a III, le ka diragatswa bo nna matute le tšhotlho ya leungo, eo e ka diriswang ka theko ya dintso kumo tse di jaaka veine le dirolo tsa maungo le dijamo. Mo mafelong a go ja a jaaka Kauai le Starbucks a dirisa leungo la drakone go dira tsa dino tsa di borethe le ‘dilapolosi’.

Translated by Lawrence Ndou