Taolô ya Dikolojane tse Di Kgwesitsweng le Dikolobe tse di Santseng di Gola

© National Pork Board, USA
Karolwana enô e samagana le tlhokomelo ya dikolojane tse di kgwesitsweng le dikolobe tse kgolwane tse di santseng di gola.
Gantsi, balemirui baša ba dikolobe ga ba lemoge gore dikolojane tseno tsa sešweng tsa bomadi jo bo tswileng magetla di na le dibeke di ka nna 10 go godisa mmele o o batlegang le selekanyetso se se agetsweng ka mo gare sa nama-mo-marapong, se se di letlang go gola gotswa mo boketeng jwa tsalô jwa 1 goya go 1.5kg go fitlha go bokete jwa tlhabô jwa 90kg kgotsa go feta mo dikgweding fela di le 6. Seno se diragala ka fa tlase ga maêmô a a eletsegang a phepô, themphoritšhara, kelomowa, bophepa, phuthulogo, thibelo-bolwetse le kalafi, taolô ya metlhampepe le borui.
‘Borui’ bo kaya bokgoni jwa mong wa dikolobe go lemoga melaetsa e dikolobe di e romelang, ka go tsona, go batlhokomedi ba tsona ka dinako tsotlhe. Enô e tlile go nna diponô, medumo, menkgo, themphoritšhara le phefo, go gana dijo, go retelelwa ke kgolô, mekgobogo mo bodilong le dintshu tse di feteletseng. Nankolô e telele mme morui o o boutlwelobotlhoko o tlile go tsiboga kgotsa a senke thuso.

Kgwesô ya Dikolojane

Go netefatsa tlhagiso e e botoka, kgwedi ya ntlha morago ga kgwesô ya dikolojane e masisi mme e tshwanetse go bona peo leitlho e e kelotlhoko.
Le tota ka bogolo jwa kgolô jwa dibeke tse 6, kolojane e tingwa dipoelô tsa diphuthulogo tsa lolapa ka di sa le di nnye thata fa go bapiswa le fa di kgweswa ke namagadi ka boyona.
Lebaka la go kgwesa ‘go sale gale’ ke go neela namagadi nako ya go itharabologelela pele e busetswa morago kwa toneng, selo se namagadi e tlileng go se dira ka phuthulogo. Go solofelwa gore namagadi e tlhatse ka bonnye gabedi ka ngwaga, fela gantsi di tlile go tlhoka bonnye tikologo ele nosi ya dibeke di le tharo go boela seemong.
Dingwaga tsa kgwesô ga di a gagamala, mme go na le dipoelô tse di rileng ka ‘kgaoganyô-kgwesô’. Seno se raya gore o ka isa dingwe tsa dianyi tse di maatla kwa ntlwaneng ya kgwesô beke pele ga nako fa go bapiswa le dianyi tse dingwe. Ka ntlha ya kgaisano e potlana, dikolojane tse di nnye jaanong di bona tshono ya go oketsa tsêô ya tsona ya mašwi.
Tsamaiso ya kgwesô e tsenya kgatelelô mo dikolojaneng ka ditsela di le mmalwa:
Dikolojane di tingwa thebolelo e e humileng e e mokoa ya mašwi a namagadi, a a nnang teng ka ura nngwe le nngwe fa namagadi e tsholola mašwi a yona.
Di tla tshwanelwa ke go tlwaela ditikologo, menkgo, ditshodi tsa dijo le medumo tse diša.
Dikolojane di ka kopanngwa le dikolojane tse dingwe tse di sa tswang go kgweswa, mme di ka tlhoka go iponela borena ka dintwa.
Fa dikolojane tsa dingwaga tse farologaneng di kopanngwa, go tlile go nna le metswedi e meša ya ditshwaetso le metlhampepe, mme e gwetlhe masole a mmele a setlhopha sa dikolojane sa pele se se sa amegang.

Ditsamaiso tsa Kgwesô

©National Pork Board, USA
Molao wa Afrika Borwa o tlhoka gore diphologolo tsotlhe di supwe, seno se raya gore tshwaô-tsebe e e kwadisitsweng go dikolobe. Nomoro kgotsa code e tlile go nna e e tshwanang le ya dikgomo tsa morui. Nomoro e rebolwa ke Lefapha la Bogodu la SAPS, mme go tlhokega gore go tlatswe dipampiri le go duelelela code. Kantoro ya Ngaka ya Diphologolo ya Puso e ka thusa.
Ditsamaiso tsa setlwaedi ka motsi wa kgwesô di ka akaretsa meêntô le kalafo ya bolwetse jwa letlalo ka êntô. Go pomiwa ga mogatla le meno ga go tlhokege, fela êntô ya iron e tshwanetse go rebolwa mo bekeng ya ntlha ya botshelo.

Tlhokomelo ya Dikolojane tse di Sa Tswang go Kgweswa

©National Pork Board, USA
Melawana e megolo ya morui wa dikolobe ka ga tlhokomelo ya dikolojane tse di sa tswang go kgweswa ke go tlamela “nursery”, e e itlhaotseng, e sireletsegile mme ele ka fa tlase ga leitlho la motlhokomedi, yo o tshwanetseng ke go netefatsa gore dikolobe tse di nnye tseno di thuthafetse, di omile, di phuthulogile, di le phepa mme di fepiwa sentle.
Ka gonne phethene ya kgolô le boleng jo bo kgonagalang jwa serori di sweetswa ka dingwaga tseno, go botlhokwa gore dikgweswa di bone sefepi se se gaisang ka fa go kgonegang.
Lefelo-tshilô lengwe le lengwe kgotsa co-op le tlile go nna le selekanyetso sa dikgweswa se se nang le 18% goya go 20% protein, ka mokgwa wa dijo kgotsa pellet. Go tlile go nna tlhwatlhwa-godimo fela e tlabe ele peeletso e e gaisang ya morui wa dikolobe.

Tlhokomelo ya Dikolobe tse di Santseng di Gola

Lereo leno le tsene mo boemong jwa lereo la bogologolo ‘fatteners’ ka English, mme le dirisetswa dikolojane tse di tswa kwa karolong ya kgwesô tsa bogolo jo bo ka nnang dibeke di le 10 goya go 12.
Dikolojane tse di santseng di gola di na le ditlhokegô tse di potlana go na le tsa ditlhopha tsa dingwaga tse dingwe. Tiro ya tsona ke go ja ka bontsi jo morui a di bo fepang, fela fa dijo tsa teng di sa kgotlhelega ka leswe, mouta kgotsa polasetiki. Selekanyetso sa dikolojane tseno sa 16% protein se tshwanetse go bopa motheo wa lenaane la phepô ya dikolojane.
Ditshomarelo dingwe di ka dirwa ka go tlaleletsa phepô ya dikolojane tseno ka ditlamelwa tsa tlwaelô gotswa mabenkeleng, dairies, canteens le marekisetso a merogo. Dijo tseno tsa bogologolo di ka diriswa go atolosa phepô e e lekalekaneng ntle le go oketsa di-carbohydrate. O seke wa fepa carbohydrate e ntsi. Mafelo-tshilô mangwe a tlile go tlamela setlaleletsi jaaka setlatsa-fepi se se kgethegileng.
Ka gonne dikolobe di tlile go ja sengwe le sengwe, ga go reye gore di tshwanetse go newa matlakala gore di a je. Fa dijo di le botoka, seelo sa kgolô le sona se nna botoka ga mmogo le boleng jwa setoto.

Translated by Nchema Rapoo