Sekanô sa Setšhaba sa Kapa Botlhaba

Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa Porofense ya Kapa Botlhaba se atlegenesitswe ka Mopitlwe 25, 1996. Sekanô se simolola ka motheo o motala le moanô, TLHABOLOLO KA KOPANO.

Karolo e kgolo ke Mokgôpha wa Kapa, o o supang boitshoko le nonofo. O na le dithunya di le tharo tse di medileng mo kalaneng ele nngwe, go bontsha kopano mo porofenseng magareng ga ditlhopha tse di farologaneng tsa batho ba ba tshelang koo. Mo tlhakoreng ka bobedi tsa mokgôpha ke matlhakore a mahibidu, a a supang mmu. Ka fa tlase ga mokgôpha ke makhubu a mmala wa loapi a a emetseng lobopo lwa Kapa Botlhaba.

Moêtsê ke letsatsi, le le supang lefelo le bosa tse di botsalano kwa Kapa Botlhaba. Le supa boitshwaro jo bo ntle le botsalano jwa batho. Gape, le tlhabô ya paka e ntšhwa le bokamoso jo bo phatsimang jwa kgolô, tlhabololo le tswelelopele.

Ka fa tlase ga letsatsi ke leseka la mo tlhogong la mebala ya nkwe, le le supang maêmô, maatla le ngwaôboswa ya porofense. Dinkwe di lejwa di le maatla, mme go ralala Afrika Borwa ke letshwao la bolaodi.

Se se tshegetsang sekanô ke diphofu di le pedi, eleng ditshephe tse di kgolo go gaisa mme di aname go ralala Kapa Botlhaba. Mo mainaneng a ba-Bushman phofu e ne e tlotlwa thata mme ele karolo e e botlhokwa ya ngwaô ya bona. Phofu ya poo gape e emetse magasigasi.

Phologolo ya Sekanô - Phofu (Taurotragus oryx)

©Roger de la Harpe
Phofu ke sefula-tlhare se se dirisang mefuta e e atologileng ya dimela. Bodulo jo bo ratwang ke phofu ke dikgaolo tse di omeletseng go se nene goya go dinaga-tlhaga le dikgwa. E kgona go falola ntle le metsi nako e telele, ka ge e tlaleletsa ditlhokegô tsa yona tsa metsi gotswa mo maungong a e a jang, segolo-thata gemsbok cucumber le lerotse la Tsama.

Phofu gape e iphepa gantsi bosigo mme ka jalo e bona bometsi gotswa mo marothoding a metsi a a ipharang mo dimeleng fa themphoritšhara e ya tlase.

Diphofu ke diphologolo tsa motlhape mme di sireletsa bana ba tsona kgatlhanong le ditlhasedi ka go dirisa lefelo-kgodisetso la dinamane tsa tsona. Fa di le mo matshosetsing a ditlhasedi, motlhape o dira leparego mme ditona tse di kgolo di ema kwa ntle fa dinamane le dinamagadi di nna ka mo gare.

Dipoo tse kgolo ga di bofufa ka felotshelo, ka ge motlhape o bolola ka bokgakala le go phatlhalala go batla dijo, fela di a ikgagapelela le go lwela dinamagadi tse di mo setlheng sa tsadisano.

Go dusa go tsaya dikgwedi di ka nna 9, mme dinamane di kgona go taboga le motlhape mo sebakeng sa diura morago ga go tsalwa.

Sethunya sa Sekanô – Mokgôpha wa Kapa (Aloe ferox)

©Jacques Marais
Mokgôpha wa Kapa ke sehupametsi se se tlholegang mo Borwa jwa Afrika. O itsagale gape jaaka mokgôpha o o bogalaka ka ntlha ya matute a ona a a bogalaka. O kotutswe jaaka semela sa pheko go feta dingwaga di le 200.

Matute a tumile jaaka setlhwatswa-telele. Bogalaka jwa mokgôpha bo gamolwa gotswa mo matlhareng a yona a a segilweng mme bo diriswe jaaka phukutsa e e dirang.

Jaaka bontsi jwa dimela tsa pheko, mokgôpha wa Kapa o na le boleng jo bo dipoêlô jo bongwe.

Dipatlisiso tsa bonetetshi di bontsha fa borêkêrêkê jwa mokgôpha bo ka thusa go fokotsa kgotelô le go oketsa go fola ga ntho. O bontsha gape fa o na le bokgoni jwa twantsho-megare, twantsho-bacteria le twantsho-fungi.

Translated by Nchema Rapoo