Seamoth

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Seamoth

Leina la Maranyane

Pegasidae

Semeto

E ka nna 13 cm, fa bontsi bo ka nna 10 cm.

Ponalo

Mmele o sephaphathi mme o aparetswe ke diplata tsa lerapo. Megatla ya sefuba e megolo mme e fa mmele sebopego sa kgutlotharo. Sefene se se leele le mogatla o o ka nnang moleele kgotsa mokhutswane. Mmala o ka nna borokwa le bosweu ka matshwao a mantsho. E kgona go fetola mmala wa yone.

Dikitsiso

Lelapa la Pegasidae le na le mephato e le 2 ka dibopiwa dile 5. Gantsi di ka bonwa ka dipara kwa tlase mo lewatleng (seabed) mo gare ga ditotoma tsa corale, le mo mafelong a santa. Di tsamaya ka megatla ya letheka di phuthulotse megatla ya sefuba. Mogatla o na le direng tsa lerapo mo go lone gore o e thuse go tsamaya. Molomo wa yone o dirisetswa go monya setlhabelo sa yone ga se le mo santeng. Di tsala ka go tshela mae mo metsing. (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka diboko le ditshedi tse di senang lerapo la mokwatla (invertebrates).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Seamoth (Eurypegasus draconis)