Poeletso ya letshwao la ga Mandela

© Eric Miller

Moetapele oo Rategang

Mandela o ne a itsege thata, mme go ya ka ditshekatsheko tsa May 2007 tse di dirilweng ke Markinor Research Company, O ne a simolola go tuma go feta ga a ntse a gola. Ka letsatsi la gagwe la matsalo la 89, tshekatsheko ya batho bale 3500 ba bagolo mo Afrika Borwa, Nelson Mandela o bone maduo a palo ya 9.2 go tswa go 10, mme seo se kaile fa a ne ale moetapele oo rategang go feta.

Mme ga Mandela a fitlha kwa setlhoeng sa tumo ya gagwe, ene le Nelson Mandela Foundation ba ne ba lekka go ‘demythologise’, kgotsa go e baya puo pha, go mo naya tumo ka lebaka le lentsha. Motheo o kopile dikeletso mo setshabeng gore se, ba ka se dira jang.

Maikaelelo aa Gakgamatsang

Babereki ba motheo ba bone gole botoka go ka tlosa setshwantsho sa sefatlhego gaga Mandela mo dikgasokgatiso tsa bone tsotlhe mme ba dirise setshwantsho sa lebogo la gagwe la molema le palamonwana ya lenyalo e bonalang mogo sone. Le fa e ne ele gore Nelson Mandela ene ele motsamaisi wa projeke eo, lebaka la go dira jalo ga le ise le tlhaloganyege.

Go nnile le mokwalela koranta a le mongwe, William Saunderson-Meyer, o a bileng a tsibogela seo, mme a leka go ka tlhaloganya lebaka la se a neng a se bitsa Maikalelo aa Gakgamatsang.

Kakgelo yaga Saunderson-Meyer:

Maikalelo a motheo aa makatsa. Letshwao le le atlegileng ga se mofuta oo rileng wa tlhatlhobo ya Rorschach inkblot, e o ka iponnang sengwe le sengwe se o se rata ka nako o tlhabong o e dira. Letshwao le le siameng go diphala ga difotofotoge fela, ga di konpakopantshe tlhogo ka boleng jwa, boleng, maikemisetso le dithagasello. Mandela o itsi seo sentlefela.

E ne ele botsereganyi jwa gagwe jo bo bolokileng letshwao la tshepe la bogologolo go nna ele letshwao la motshameko wa Rugby mono Afrika Borwa, ga mokgatlho wa African National Congress o gapa puso ka 1994. Go matsapa go ka tlhaloganya goreng motheo o batlile go itshunyatshunya mo mererong ya katlego ya Mandela Phenomenon.

Ka gongwe Modimo le Muhammad le bone ba tlhoka go fiwa matshwao a mashwa a ba itsegeng ka one – motlhomongwe go ka fkotsiwa fale le fale go a tlisa ditshegetso tse di botoka mo lefatsheng. A mme seo sea tlhokega kaga Mandela?. Re bua ka monna yo lefatshe le mo amogetseng ka a mofuthu, mme la mo tlotlomatsa kwa boleng jwa mongwe yo boitshepo.

Ditshekatsheko tsa kwa United States dingwaga dile mmalwa tse difetileng, di bone fa Mandela ane a tumme go phala Coca-Cola lefatshe ka bophara. Coke e dumela dibilione go aga le go sireletsa letshwao la bone. Mandela ene o nna entse ele Mandela.

Translated by Ikalafeng Maedi

Nelson Mandela our beloved President by Raymond Louw

E ne ese fela gore one a apere hempe ya di’Springbok, kwa motshamekong wa makgaolakgang a Rugby World Cup, fa Afrika Borwa e bona sekgele ...more