Phepô ya Dipodi tsa Mašwi

© Krish Dulal
Dipodi di kgona go fetolafetola bonolo tlhopho ya dijo tsa tsona, mme fa go na le ditlhatsana le ditlhare, di tla fula tsona. Ka ntlha ya lobaka lono, mo dikarolong di le di ntsi tsa lefatshe, ditlhare tsa furu di a jalwa, jaaka Leucaena leucocephala e e itsagaleng mo Afrika Borwa jaaka lead tree, white popinac, reusewattel kgotsa stuipboom (Afrikaans) le ubobo; ulusina (isiZulu). Setlhare se kaiwa fa ele mofuta wa sethibeledi mo Afrika Borwa mme gantsi se fitlhelwa go ikala le melatswana.
Dipodi tsa mašwi di farologane le matsopa a mangwe a dipodi mme ga di nne le tlhagiso fa di na fela le phepô ya tlhagô jaaka mafulo a kwa sekgweng. Maitlhomo-magolo a go fepa dipodi tsa mašwi e tshwanetse go nna go di tlamela dikotla tsotlhe tse di tlhokegang ka dielo le dilekanyetso tse di maleba ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Difepi gape di tshwanetse go latswega monate gore dipodi di je mo go lekaneng, mme di tshwanetse go nna le dikotla tse di botlhokwa - maatla, protein, diminerale, di-vitamin le metsi.
Dipodi tsa mašwi di tshwanetse go tlhagisa mašwi sentle mme di tshwanetse ke go fepiwa ka tshwanelo gore di fitlhelele bokgoni jwa tsona. Tiro nngwe le nngwe ya tsona ya tlaleletso, jaaka go tsamaya, go gola, go dusa kgotsa go tlhagisa mašwi, e kaya gore di tla nna le ditlhokegô tsa tlaleletso mo godimo ga tlhokomelo ya tlwaelô ya mmele. Ditlhokegô tsa dikotla tsa dipodi tsa mašwi di a farologana fa di dusa fa go bapiswa le fa morago ga gore di tsale. Go bona taolô e e gaisang, kgaoganya marele ka ditlhopha tsa tlhagiso.

Dipodi tse Omileng

Podi e e omileng (e e sa ntsheng mašwi) e ka se tlhoke go le gontsi go feta difepi-magwata tsa boleng jo bo siameng ntle le fa e bopame kgotsa ele mo kgweding ya bofelo ya go dusa. Diphôkô tse di oketsang bokete jwa mmele ka tsadisano di sekamela mo go tlhagiseng mafatlha go na le tse di tsholang mmele ya tsona kgotsa tse di latlhegelwang ke mmele.

Ditlhokegô tsa Dikotla tsa Podi e e Dusang

Mo dibekeng tse thataro tsa pele ga pepô, thele ya namagadi e tlhoka go ikhutsa mme togwa ya mašwi e tlhoka go ka tsosoloswa. 70% ya kgolô ya potsane e diragala mo dibekeng di le 6 pele ga tsalô.
Fepa maatla a a lekaneng mo kgweding ya bofelo ya go dusa fa dipotsane tse di isweng di belegwe ka mo gare ga popelo di dira ditopo tse kgolo go metabolism ya mmaatsona. Fa go sena maatla a a lekaneng mo phepông ka nako eo, bobolokelp jwa mafura bo tla kopiwa thuso. Fela fa tlhokegô ele kwa godimo thata, sebete se ka retelelwa ke go itshoka, mme podi e ka swa gotswa mo seemong se se bitswang ketosis (“pregnancy toxaemia”). Body Condition Score e e eletswang ya podi e e dusang e tshwanetse go nna 2.5 goya go 3.
Fa podi e dusa mafatlha, e tlile go nna le seelo se se letleletsweng sa sefepi se e ka se jang.
Phepô ya boleng jo bo kwa godimo e e latswegang ka difepi-magwata tsa boleng jo bo ntle e a tlhokega ka nako e.

Ditlhokegô tsa Dikotla tsa Podi e e Ntshang Mašwi

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Go 3 litre nngwe le nngwe ya mašwi e e tlhagiswang, podi e e ntshang mašwi e tlhoka furu ya boleng jo bo siameng e e ka nnang 1.5kg, le 500g ya furu ya itlhokomelo, le 1kg ya sefepi se se loileng.
Fa dipodi tsa mašwi di fula di tshwanetse go ja ka bonnye 4 goya go 6kg ya phulô ya boleng jo bo siameng ka letsatsi - 4kg ya phulô e tala e lekana le 1kg ya furu.
Dipodi tsa mašwi tse di ntshang mašwi di tlile go tlhoka seloiwa se se nang le seêlô sa protein sa 15 - 17%, ka total digestible nutrients (TDN) ya seloiwa e e ka nnang 65 - 75%.
Fa dinamagadi di fepiwa ka selekanyô se se feletseng, furu le lotlhaka di tshwanetse go nna teng ka nako tsotlhe.
Difepi-magwata tsa boleng jo bo siameng di tshwanetse go fepiwa dipodi tse di ntshang mašwi gore tlhwatlhwa ya difepi tsa mašwi tse di tlhokwang e nne kwa tlase ka fa go kgonegang. Ka kakaretso, sefepi-magwata se tshwanetse go rebola 40% goya go 60% ya daily dry matter intake (DMI) ya tsatsi le tsatsi go dipodi tse di ntshang mašwi.
Sekai, podi ya ntshô e e kwa godimo e e neelanang ka 4 litres ya mašwi ka letsatsi e ka ja palogotlhe bya 3kg ya dry matter (DM), e mo yona 1.2kg DM (40%) e ka nna mo sebopegong sa sefepi sa mašwi. Lucerne le sefepi sa mašwi ka bobedi di tlile go nna 90% DM, gore dimelô tsa nnete tse di fepiwang e nne: furu ya Lucerne: 1.2 x 100 = 1.3kg le sefepi sa mašwi: 1.8x 100 = 2.0kg.
Fa Lucerne le le foreshe (e seng furu), dry matter ya lucerne e ka nna 24%, mo lobakeng lono seelo sa lucerne go phepô (go fitlhelela DMI ya sefepi-magwata e e tshwanang) e tla nna: 2 x 100 = 5 kg.
Elatlhoko: Tshedimosetso enô ke ya thuto le lesedi fela, mme ga e a tshwanela go ka tsewa jaaka kgakololô ya phepô kgotsa ya neelô-dikotla. Go bona tshedimosetso e ntsi ka go fepa diphologolo tsa gago golagana le moitseanape wa itekanelo ya diphologolo wa gago, kgotsa ngaka ya diphologolo kgotsa motlamedi wa sefepi sa diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo