Pêolô ya Dipodi tsa Angora

©Mohair South Africa
Dipodi tsa Angora di ka bêolwa dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro. Bokete jwa boboa bo farologana goya ka dingwaga – go simolola ka 500g gotswa mo dipotsaneng go fitlha go 2kg ya boboa gotswa mo dipoding tse kgolwane. Boboa bo bitswa mohair, eseng angora. Angora etswa go mebutla ya Angora.
Dikgakololô-kakaretso tsa pêolô.
Podi e e phepa e bonolo go ka bêolwa gona le e e leswe.
Podi e tshwanetse go ka ôma.
Kerô e bonolo gona le pêolô, segolo thata go setlabošweng.
O seke wa sega karolo ele nosi gabedi, ka ge boleele jwa tlhale jo bo telele bo neela tlhale ya boleng jo bo kwa godimo.
Fa di bêolwa gangwe le gape, dipodi tsa Angora di tshabelelwa ke metlhampepe le malwetse. Boboa jo bo telele bo ka fokotsa ponô le motsamao, selo se se ka thibelang podi go ja le go nwa. Bo ka kgoreletsa gape dipotsane go anya.

Tshwarô ya Dipodi tsa Angora

©Marinda Louw
Fa go bêolwa dipodi tsa Angora, di tshwanetse go tshwarwa ka bopelotelele mme go letlelelwe maitshwaro a tsona a tlhagô – keletsokitso le botlhale. Pêolô e gatelela maikutlo go dipodi mme tshwarô e e makgwakgwa ya dipodi e tshwanetse go efogwa. Dipodi di ka tshwarwa fa godimo ga serethe kgotsa ka lonaka, goya ka dingwaga tsa tsona, fela ga di a tshwanela go ka gogwa ka maoto a tsona. O seke wa dirisa di-prodder tsa motlakase mo dipoding.
Podi e tshwanetse go ka bewa mo setshegetsing kgotsa o e tshegetse ka maoto a gago. Pêolô e tshwanetse go simolola kwa morago mme go direlwe goya pele. Tsamaya ka iketlo mme o bêolê gautshwane le mmele wa podi.

Bophêpa ka Motsi wa Pêolô

Thibelo ya pheteletso ya malwetse e botlhokwa thata ka motsi wa peolo. Didiriswa sa peolo le dibêodi (tsa seatla kgotsa tsa motšhine) di ka anamisa malwetse a a tshelanang mo motlhapeng kgotsa go kgabaganya metlhape, ka jalo ditsamaiso tse di tshwanetseng tsa botlhwekisi di tshwanetse go ka selwa morago. Simolola pele ka go bêola dipodi tse potlana go thibela phetiso ya malwetse gotswa kwa dipoding tse kgolwane.
Pele pêolô e ka simolola, ntlwana yotlhe e go bêolelwang mo go yona e tshwanetse go ka phepafatswa le go tlhwekiswa. Morago ga pêolô, mohair otlhe o tshwanetse go ka dirwa ditlhopha, o pakwe le go ntshwa mo ntlwaneng mme didiriswa tsa pêolô di tlhwekiswe. Didiriswa tsa pêolô di tshwanetse go tlhwekiswa kgapetsa-kgapetsa ka motsi wa pêolô go thibela kanamo ya bolwetse.
Fa mobeodi a ka sega sekaku mo poding, mobeodi o tshwanetse go fetola diaparo mme a apare tse di phepa. Lefelo le go beolelwang mo go lona le lona le tshwanetse go ka tlhwekiswa.
Diphologolo tse di suleng ga di a tshwanela go ka ntshetswa letlalo mo ntlwaneng e go bêolelwang mo go lona, mme diphologolo tse di lwalang ga di a tshwanela go bewa mo ntlwaneng e go beolelwang mo go yona. Matlalo le boboa ga di a tshwanela go ka alafiwa, go omiswa kgotsa go bolokelwa mo ntlwaneng e go bêolelwang mo go yona.
Pêolô ka keletso e tshwanetse go dirwa ke babeodi ba ba letleletsweng. Netefatsa fa mesegego ya pêolô e alafiwa ka sebolayamegare le oli ya dintho ya sekoba-dintsi go thibeka tshwaetsego. Dipodi di tshwanetse go bona dijo le metsi a a foreshe ka bonako jo bo kgonagalang morago ga pêolô.
Elatlhoko gore o se beê dipodi tse di bêotsweng mo maemong a bosa a a diphatsa jaaka maruru le bosa jo bo metsi. Netefatsa fa di na le kagô mme o tsenye dijo tsa maatla a a kwa godimo mo phepông ya tsona.

Translated by Nchema Rapoo