Ntshokuno ya Kwaba

Dintshokuno le Didiriswa

©Louise Brodie

Dikwaba ka kakaretso di jewa di le tala, gantsi di a segwa dikarolwana kgotsa di jewe jaaka apole. Leungo le le foreše gantsi le akaretswa mo disalateng tsa maungo kgotsa go abiwa le sukiri le lebebe jaaka phuting. Dikwaba gape di jewa ka lerojana la letswai le pherefere le go bopa motheo wa mere e e latswegang. Jaaka fa leungo le na le maemo a kwa godimo a pektini, dikwaba di dirisiwa ka bophara go dira dimonamone, dipoloko, dijeli le dijamo. Dikwaba gape di a dirwa go nna matute, go tsenywa mo dikaneng le go omisiwa.

Ntshokuno ya Lefatshe ka Bophara

Go fitlhela ga jaana India ke montshakuno o mogolo go feta wa boditšhabatšhaba mme o ntshakuno bontsi bo bo ka bang 40% ba bontsi ba lefatshe ka bophara. Se ka bontsi se salwa morago ke China, Thailand, Pakistan, Mexico, Indonesia le Bangladesh.

Ntshokuno ya Aforika Borwa

Dikwaba di itsesitswe kwa Profenseng ya Kapa Bophirima ya Aforika Borwa go tswa kwa Madeira. Serapa sa ntsha sa kwaba sa kgwebo se ne se jetswe kwa Paarl ka 1890, ke Faan Retief. Dikgaolo tse di kgolo go feta mo Aforika Borwa di kwa Dipfofenseng tsa Kapa Bophirima, Mpumalanga, Limpopo.

Kwa Aforika Borwa, dikwaba ka setso di ne di ntshwakuno thata kwa indastering ya go di tsenya mo dikaneng fela go ya ka nako ntshokuno ya tiriso ya tse di foreše, matute, jamo le go omisa di nnile tsa itsege thata. Kapa Bophirima e bone tsosoloso mo ntshokunong ya kwaba, e kgweetswa ke indasteri ya go tsenya mo dikaneng le go dira matute. Bontsi ba dikwaba tse di ntshitsweng kuno kwa Kapa Bophirima di dirisiwa go diragatsa mme go feta bontlhanngwe ba ntshokuno e e romelwa ka sebopego se se phepa. Dikwaba tsa Aforika Borwa tse di foreše ga di romelwe kwa ntle ka ntlha ya botshelo ba šelefo le ditlhotlho tsa go se nne phepa ga dijalo, fela bontsi bo bogolo thata ba dintshokuno tsa kwaba di romelwa ntle ngwaga ka ngwaga.

Dithekiso

©Louise Brodie
Lenaneo: Mokgatlo wa Bajadi ba Kwaba wa Aforika Borwa

Foreše
Dikwaba tse di foreše di teng ka go siamela kgwebo mo Aforika Borwa mo nakong ya dikgwedi tsa mariga mo bogareng ga Moranang le Lwetse.

Mo Dikaneng
Dikwaba tsa boleng tse di buduleng di robiwa le go romelwa kwa lefelong la go tsenya kwa dikaneng moo di tlhaolwang, di kgobotsweng letlalo go tsenngwa mo dikaneng. Dikwaba tse di tsentsweng mo dikaneng di ka dirisiwa jalo ka phuting, mo go pakeng le mo disalateng mme phatlho ke ya boleng ba moreki wa thomelontle wa mo Aforika Borwa.

Tšhotlho le tse di Inetsweng
Dilekanyo tse dikgolo tsa dikwaba di robiwa le go dirwa tšhotlho kgotsa ka go dirisa ka botlalo mo matuteng a mo nageng le ya boditšhabatšhaba.

Matute a Kwaba le metswako ya maungo
Matute a kwaba a phepa ke tlhopho e e tumileng mo bareking. Maatla a tatso ya kwaba gape a e dira e e gaisang mo metswakong ya boungo le matute a mangwe a maungo.

Kwaba e e Omisitsweng
Leungo le le omisitsweng le go tsennywa mo sukiring, dikwere tse dinnye tse di boleta le dirolo ke tse di monate tse di tumileng.

Translated by Lawrence Ndou