Nelson Mandela O Dumedisa Phutego kwa Kopanong ya South African Communist Party

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o dumedisa boidiidi kwa kokoanông ya South African Communist Party.
South African Communist Party e ne e le lekoko la sepolotiki le le neng le direla mo sephiring le le bonagalang ka dingwaga tsa tlhaolele mo Afrika Borwa. Lekoko le ne la iletswa la 1950 mme la sweetsa go momagana le African National Congress (ANC), seno se ne sa isa kwa botsalanong jo bo kgotsofatsang magareng ga makoko ka bobedi jo bo santseng bo le teng le gompieno. Ka motsi wa botshabelo, dinaga tsa sekomonisi di ne tsa neela ANC dibetsa le tshegetso ya matlole. Mmogo le baeteledipele ba ba jaaka Nelson Mandela le Walter Sisulu, lekoko la sekomonisi le dirile semphato le ANC go tlhoma Umkhonto we Sizwe (‘Lerumo la Setšhaba’ ). Mokomonisi Joe Slovo e ne e le Tlhogo ya Badiri ya Umkhonto, mme a bopa botsalano jo bo golo le Mandela.

“Go gololosega ga se fela go kgaola diketane tsa gago, fela ke go tshela ka tsela e e tlhomphang le go oketsa kgololosego ya ba bangwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more