Nelson Mandela – Dingwaga tsa Ntlha

Setshwantsho se se fosagetseng sa Playboy

©Eric Miller

Kwa bofelelong jwa nako ya di1950s, Nelson Mandela o ne a inetse that mo taelong ya mokgatloho wa ANC. O ne a le mongwe wa batsamaisi ba mokgatlho wa batsha wa ANC Youth League, e eneng ya thusa go tataisa mokgatlho go tsena mo tseleng ya tlhabologo mme ya e tepatepanya le goromente wa apartheid go leka go tlisa diphetogo mo tsamaisong ya puso ya setshaba ka 1949. O ne a le moithaopi yo mogolo mo tsamaisong ya mananeo a Difiance Campaign ka 1952.

O tlhophilwe moeteledipele kwa Profinsing ya Transvaal, mme goromente wa nako eo a mo ntsha mo setulong seo ka go ntsha taelo ya kganelo kgatlhanong le ene mme ba mo koba mo provinsing. Go simolola ka Sedimonthole wa 1956 o ne a le mongwe wa balatofadiwa mo tshekong ya Treason Trial.

Le fa go ntse jalo, bangwe bane ba dumela fa e ne ele playboy, mme o ka re mongwe yoo senang maikaelelo a magolo kaga dipolotiki tsa gagwe mme go ne go buiwa kaga ene le dipolotiki tsa gagwe. O ne a sa tshwane le baetapele ba bangwe: O ne a le moleele, a tsepame mme a lebega ebile a apara bontle.

E ne ele motho yo a ratang maitiiso, a kganna le sejanaga, le mosadi wa gagwe wa lenyalo la bobedi ebong Winnie, o ne ale montle mme a kgatlhisa thata. Go feta fao, o ne a na le maemo a gonna yo mongwe wa batho bantsho bale mmalwa ba ba neng ba atlegile mo dithutong ka go nna mmueledi.

Leka fela go nkarabisa

Ga dingwaga ntse di elela kwa pele, g simolotse go bonala fa tumelo a ba bantsi baneng bana le yone ka ga Mandela, ene ele phoso. Mandela o ne a rata go ikgogela kwa mogare ga dingangisano tsa se polotiki mo nakong e kgatello ya makgoa e ne ele kwa godimo, mme motho yo mongwe le yo mongwe wa montsho, fa a ka gana kgotsa a leka go ikarabela, a ka iphitlhela a bona kotlhao e masisi.

Mandela o ne a setse a tlwaetse seo kwa kgotlatshekelong ya magistrata, kwa a neng a dira teng le modirammogo wa gagwe wa ANC, ebong, Oliver Tambo. Madirelo a bone a ne a bone diofisi tse dimmalwa kwa dikagong tsa Chancellor House tse dineng di bonwa fa pele ga moago wa kgotlatshekelo kwa mmileng wa Fox Street kwa Johannesburg.

E ne e eme ka fa morago ga diofisi tsa ANC. Go ema fa pele ga magistrata le diagente tsa gagwe, bontsi ba bone ele basweu, go ne go se bonolo. Gantsi boMagistrata bane ba sa gololesega mme ka di nako tse dingwe ba le bogale ga ba iphitlhela ba tshwanetswe ke go dira le mmuwelli wa motho o montsho.

Ba ne ba tshwanetswe ke go somarela melao ya boitshwaro ba tlhompho kwa kgotlatshekelo, mme mang le mang o ne a bona gore ba bangwe ba ne ba sa rate go tshwara motho o montsho ka bonolo le tlhompho le go mmona jaaka motho wa ditshwanno tse di lekanang ka molao. Mandela fa a ne a ema fa pele ga bone, o ne a maitseo mme a bontsha gore o ikeme.

Translated by Ikalafeng Maedi

Nelson Mandela Prison Years by Benjamin Pogrund

Mandela le badirammogo ba le batlhano ba ba gaufi le ênê ba ne ba fetisetswa go tswa kwa Robben Island go ya kwa maemong a a botoka a kgol...more