Moletlo wa Nelson Mandela Children’s Fund ka ngwaga wa 2007

© Eric Miller

Monna yo o siameng go ba feta mo lefatsheng

Moletlo wa go keteka letsatsi la bo89 la matsalo aga Mandela le latetswe ke moletlo o mongwe ka Labobedi wa Phukwi a tlhola malatsi ale 24 ka ngwaga wa 2007, kwa diofising tsa Nelson Mandela Children’s fund kwa Johannesburg. Mandela o ne a itumetse thata mme a sega kuku ya letsatsi la matsalo ee kgolo, a atla batho mme a bona le dimpho kwa moletlong oo wa ngwaga le ngwaga. Fa thoko ga gagwe ene ele Mme Graca Machel.

O bone dikeletso tse dintle go tswa kwa baneng ba ba neng ba le teng ka palo ya 300 ka maleme a a farologaneng. Yo mongwe wa bone o rile Mandela ke Lenyeloi la kwa legodimong, fa Robert wa mengwaga ele metlhano ene a kwadile gore “O monna oo siameng go ba feta botlhe mo lefatsheng”, Franco wa mengwaga ele 4, a re, Mandela e ne ele mookamedi wa lefatshe lotlhe, Olerato, 5, ene a re, O monna yo atlegileng”.

Zolile Cele, 11, o file Madiba sedulo se se phuthegang, se se dirilweng ke ene le baithuti ba bangwe kwa sekolong sa bone sa bana ba ba kgethegileng, ebong Forest Town School kwa Johannesburg. Fa a ne a bua, a ntse mo sedulong sa kolotsana ya banale-bogole, o rile ‘go kopana le Nelson Mandela go ne go kgatlhisa ele tota, ke mongwe yo o tlhwatlhwa mogo nna’.

Ga Rre Mandela a bona bana, pelo ya gagwe e ya itumela. O ba beile fa pelong ya gagwe.’ go bua Mme Tumi Mdwaba, mobueledi kakaretso wa Nelson Mandela Children’s Fund.

Translated by Ikalafeng Maedi

Rebranding Mandela

Mandela o ne a itsege thata, mme go ya ka ditshekatsheko tsa May 2007 tse di dirilweng ke Markinor Research Company, O ne a simolola go tuma...more