Mmino le Motanso mo Ngwaông ya SeVenda

Karolo e e Botlhokwa ya Botshelo jwa BoVenda

©Dr Peter Magubane

Mmino le motanso di tshameka karolo e e botlhokwa mo botshelong jwa BoVenda, mme di diragatswa kwa manyalong le diphitlhong, ditsamaiso-mediro le dikolo tsa thupiso, fa go nowa bojalwa le kwa dikopanong. Motanso o botlhokwa gape kwa dikerekeng tse di ikemetseng tse BaVenda ba le ba ntsi ba di tsenang. Baopedi bangwe ba tshameka mmino o o tumileng le wa sedumedi, fela dipopegô tsa setso gantsi di tsenngwa mo ditlhamông tsa sešweng. 

Diletswa tsa mmino, mmino, pina le motanso di supa maêmô le maatla, mme di na le bokao jwa sedumedi. Diletswa di le di ntsi tse di nyeletseng kwa mafelong mangwe a Afrika di santse di diriswa ke BaVenda: mbila (xylophone), mbira (piano ya seatla), tshikona (diphala tsa lotlhaka), diletswa tsa megala, mirumba (meropa ya treble), ngoma (meropa ya bass) le thungwa (meropa e e tshwanang le ngoma, fela ele mennye). 

Dikgosi di ne (mme di santse di na) le setlhopha sa tshikona, se bokgoni jwa sona boneng bo supa maatla le maatlametlo a dikgosi mme, ka jalo, le a batho ba bona. Meropa ya ngoma, nngwe ya ditshupô tse kgolo tsa bogosi, mo malobeng e ne e letswa fela kwa lekgotleng. 

Bana ba ba nnye ba ne ba rotloetswa go etsisa dipina le metanso tsa bagolo. Fa ba le ba golwane, ba opela dipina tsa bana (nyimbo dza vhana): nyimbo, dipinanyana tse di bonolo tse di opelwang motshegare, le ngano, mo maitseboeng, segolo thata ka kotulo (mavhuya-haya). Tse di umakilweng labofelo ke dipina-kgang, tse gantsi di opelwang ke bagolo le bana ba bong ka bobedi. 

Dzhombo, e e itshupang ka pontsho le tiragatso ya bogogedi, e diragala mo masigong a a ngwedi kwa mavhuya-haya. Basetsana le basimane ba a lebagana mme, ba patilwe ke phaphato ya diatla, ba bina ka go refosanya mo gare ga mela. Mmini o kgoma motho wa bong bo bo fapaaneng go supa kgatlhego. Dipina di morethetho le molotsana mme di matswakabele go feta nyimbo le ngano. 

 

Metanso e Megolo ya SeVenda

©Dr Peter Magubane

Metanso e megolo e e diragatswang ke baša pele ga lenyalo ke tshikanganga le tshigombela. Ke karolo e e botlhokwa ya botshelo, fela bopaki bo tshitshinya fa ese ya bogologolo thata. 

Tshikanganga ke motanso o o lobelo o mo go ona basimane ba letsang diphala tsa lotlhaka mme basetsana ba ba pate ka meropa ya thungwa le mirumba. O diragaletswa itumediso, fela tetla e tshwanetse go ka bonwa gotswa go kgosana kgotsa kgosi. Tshigombela, ya basetsana, e dirwa pele ga kotulo. Ba patilwe ke moropa wa thungwa ole esi le ele mebedi ya mirumba, mosetsana o tlhaba pina mme ba bangwe ba golagana nae ka kopelo ya botlhe; ba binela goya molemeng go dikologa meropa, boyagodimo jwa pina bo ntse bo tlhatlhoga. 

Motanso wa malombo ke legato la bobedi la kalafo ya motho (gantsi mosadi) yo o tsenweng ke madimone (tshilombo). Fa mosadi a bobola mme ngaka ya badimo a supa go nna teng ga tshilombo, phekolo e e kgethegileng e a tlhokega. Mo legatong la ntlha, moitseanape (maine a tshele) o tsenya mosadi mo seidiiding, a dire gore a wele fatshe, a mo alafe ka melemô mme a lope mowa go itshupa le go supa dikeletso tsa ona. Mowa ka jalo o amogelwa mo mmeleng wa mosadi yo o amegileng (mogokaganyi), go na le gore o ntshiwe. 

Mo legatong la bobedi, mogokaganyi o golagana le morafe wa babini ba malombo wa balwetse ba ba phekotsweng mo malobeng. Motanso o diragala kwa kgorong ya kgosi, yo o adimang morafe dingwe tsa diletswa tsa gagwe. 

Mowa gantsi ke wa monna, mme basadi ba o ba tseneng ba ka itshwara jaaka banna, ba apare diaparo tsa banna (dijase, dithai le dihutshe) mme ba tshware dilwana tsa banna (digai tse eseng tsa nnete kgotsa dilepe tse di nnyennye). Seno se isitse kwa tumelong ya gore setlhotswana sa malombo ke mokgatlho o o rulagantsweng o o kgatlhanong le bogolwane jwa bonna.

Translated by Nchema Rapoo