Metsotso e 90 ya Motshameko wa kgwele ya maoto go Tlotlafatsas Mandela

© Eric Miller

World XI Kgatlhanong le Africa XI

Ka 2007, Motshameko o, e ne ele nngwe ya dithulaganyo tsa go keteka letsatsi la bo89 la matsalo aga rre Mandela. Go gorogile batho ba ka nna 35000 kwa Newlands Rugby Stadium kwa Cape Town go keteka letsatsi leo ka go lebella motshameko wa kgwele ya maoto oo gakgamatsang mme o sa tlwaelega, magareng ga setlhopha sa dikgeleke tsa lefatshe ebong World XI le sa Afrika XI.

E ne e bidiwa ‘Metsotso e 90 yaga Mandela’, mme e ne e le thulaganyo ya go leka go koleka madi ka fa tlase ga folaga ya tsamaiso ya FIFA ee neng e re “Say No to Racism” kaga ba bone ele modi (cause) wa botshelo jwa gagwe.

FIFA e simolotse leano la anti-racism ka 2006, go lwa le le bothata jwa tshotlo ya batshameki ke balatedi ga ba roga ka ditlhapa tsa kgethololo, bogolosetona kwa Europe, mme le batshameki ba ditlhopha tsa mono Afrika Borwa ba bone tshotlgo eo.

Letsatsi pele ga tshimologo ya motshameko, Mandela one a abiwa ka jese ya motshameko e eneng e kwadilwe leina la gagwe kwa morago le nomoro ya dingwaga tsa gagwe ebong 89. E ne e kwadilwe nomore ya gagwe ya batshwariwa ka fa pele ebong — 46664 — e eleng letshwao la lenaneo la gagwe la go retloetsa kitso ka ga HIV/AIDS.

Gana Kgethololo

Rre Mandela o buile fa a le motlotlo go tltlafatsiwa ke FIFA mme a tsaya motsotso go tlhagisa fa ‘a ne a se esi, mme ele mongwe wa ba bantsi ba ba lweleng kgatlhano le kgethololo le bokgokgontshi. Ditlhopha tsoo pedi, di ne di bonagatsa lebaka la lenaneo la bone ka mebala ya paka tsa bone.

Setlhopha se sengwe se ne se apere bontsho fa se sengwe se apere bosweu. Motshameko o, one o tlotlomatsa tlhamo ya metshameko ya kgwele ya maoto kwa Robben Island ka batshwariwa ka nako e Mandela aneng a le kwa teng.

E ne e bidiwa Makana Football Association, mme e ne e dirisa melao ya FIFA. Mandela o ne a lebelela metshameko ya batshwariwa a ntse a le kwa toronkong ya gagwe ka gonne batlhokomela bagolegwa ba ne ba sa batle fa a ka ikopantsha le bagolegwa ba bangwe. Morago ga fao, ba aga lebota go mo thibelela go ka lebelela.

Ga se Motshameko Fela

Ka letsatsi la motshameko motlatsa mopresidente wa FIFA, Rre Jack Warner e neile setlhopha Makana boloko ba tlotla mogo FIFA. Tebogo ya ga Mandela go FIFA e tlhagisitswe ka molaetsa oo gatisitsweng mogo sesirong se se golo sa ditshwantsho.

‘Ka dingwaga tse ditshosang tsa bogolegwa ba rona, lekgotla la Makana le atumeditse bagolegwa mmogo ka motshameko o montle wa kgwele ya maoto. Ka go dira jalo e thusitse go tsholetsa boleng jwa poelano le kakaretso, ga mmogo le go gana kgethololo ya batho go bona kgotso, mme ke dilo tsa boleng jo bogolo mo maphelong a rona gompieno.

A tswelela ka gore, Motshameko ga se motshameko fela, o kaya sesupo sa matla a kgwele ya maoto go ka tlisa batho mmogo lefatshe ka bophara, go sa kgathalesege leleme le ba le buang, kgotsa mmala wa letlalo la bone.

Dikgeleke tsa Motshameko wa Kgwele ya Maoto di ne dile Teng

Motshameki o o itsegeng thata wa kgwele ya kwa Bazil wa dingwaga dile some a 66 Rre Pele o ragile kwele ya go bula metshameko wa WORLD XI, ana le dingwaga dile some a 30 a tlogetse motshameko. O buile fa a le motlotlo go akarediwa mo thulaganyong ya motshameko oo, ka gonne a ithutile gole gontsi mogo Mandela.

A tswelela ka gore ‘Re sthwanetswe ke go tlotlomatsa Mandela ka go tsweletsa ntwa kgatlhanong le kgethololo le tlhotlhololo ya batho. MoLaberia, Rre George Weah, yo o neng ele motshameki wa lefatshe dingwaga dile dintsi, yoo neng a itsege ka teko ya gagwe ya gonna Mopresidente wa Liberia ene o rile ‘Ke ngwana (son) waga Mandela’.

O nkgothaditse e bile o kgaratlhetse kontinente ya rona”. O kgothaditse dimilione tsa batho mo lefatsheng. Ka dingwaga dile 45, mogapi wa sekgele sa European Footballer of the year, wa moDutch, Rre Ruud gullit o rile se a ithutileng sone ka botshelo jwaga Mandela ke gore tshepo e nna e le teng ka metlha, Ga o itshepa, mme o dira ka natla go bona dilo tse di siameng mo botshelong, o tlile go atlega. Maduo a motshameko e ne ele tse tharo kwa matlhakoreng otlhe.

Translated by Ikalafeng Maedi