Mefuta ya Motlhatsa

© Tortie Tude

Metlhatsa, mengwe ya maungo a bogologolo mo lefatsheng, e jadilwe mo Afrika Borwa segolobogolo go dira jêmê le go omiswa, fela ka dingwaga tsa bo-2000, dijadi tsa motlhatsa tse di siametseng go romelwa ntle jaaka maungo a a jewang ale foreshe, di ne tsa jalwa. 

Metlhatsa e e foreshe e tlhoka go nna le botshelo jwa poloko jo bo ka dirang sebaka sa beke go letlelela tsamaiso, fa metlhatsa e e omiswang ele matshwanedi thata go ka jalwa kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa Afrika Borwa. 

Mefuta ya motlhatsa e farologana go tswa go e mennyennye le e eketeng e kgolokwe goya go e megolo ya sebôpegô sa piere goya go e e batlileng go nna sebôpegô sa lee jaaka mo lobakeng lwa 'motlhatsa wa panana'. 

Mebala ya motlhatsa e ka farologana gotswa go e e batlileng go nna mentsho ka leungokobolwa le le bohibidu jo bo fifetseng goya go e e botala jo bo serolwananyana ka leungokobolwa le le pinki e e timpetseng goya go le le batlileng go nna tshweu. 

Maina a dijadi tsa motlhatsa a ka tlhakatlhakanngwa ka ntlha ya mefuta e e itsegeng ka maina a a farologaneng kwa dinageng tse di fapaaneng. Go ka nna le bontsi jwa maina a mefuta jo bo ka etsang 700, fela bontsi jwa ona a tshwana. Mengwe ya metlhatsa ya kgwebo e megolo e tlhalosiwa fa tlase fano:

Metlhatsa ya Letlapi le le Fifetseng

©Louise Brodie

Mofuta wa motlhatsa o o di gogang kwa pele mo Afrika Borwa ke Parisian/Evita. Ke mofuta o o jalwang ka go anama mo Afrika Borwa. Leungo la bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng, o na le letlapi le le phepole le leungokobolwa le le hibidu ka boleng jwa jegô jo bo matsetseleko le tshelo-poloko e ntle. 

Metlhatsa ya Ronde De Bordeaux e mennyennye e e itsagaleng gape jaaka 'Eve', e tlhagisa metlhatsa ya bogolo jwa cocktail go sale gale mo setlheng. Dijalo dingwe tsa 4ha di ka fitlhelwa kwa Porterville. 

Mongwe wa mefuta ya motlhatsa ya ntlha go jalwa mo Afrika Borwa ke 'Adam' e e enyang thari ya bogolo jo bo magareng. E na le letlapi le le phepole le leungokobolwa le le bohibidu jo bo fifetseng. Adam ke motlhatsa wa jegô e e siameng mme e siametse go ka omiswa, fela ga e tsamaisege sentle. 

Ka tebego e e tshwanang fela ka letlapi le le ntsho-khibidu, 'Black Genoa' e butswa pejana ga 'Adam' mme e kaiwa fa ele motlhatsa wa bogareng jwa setlha. 

'Tangiers' ke motlhatsa o mogolo ka tatsô e ntle thata le tshelo-poloko e ntle. O siametse thata komisô. Mofuta ono o jadilwe kwa Piketberg, Hermon, Napier le Prince Albert. 

Motlhatsa wa thari mo setlheng ka leungokobolwa la bohibidu jo bo tseneletseng, 'King' e tlhagisa metlhatsa e mennye, e e ka phanyang bonolo. Dijalo di kwa Worcester, Ladysmith le Oudtshoorn. 

'Black Mission' e na le letlapi le le phepole goya go bontsho ka leungokobolwa le le hibidu le tatsô e e manontlhotlho ya 'motlhatsa'. 

'Cape Black' e tlhagisa metlhatsa e mennye ele kgolokwe ka letlapi le le bontsho jo bo phepolenyana ka leungokobolwa le le sweu. Moenyi o o maatla, ke motlhatsa wa jeme o o tumileng mme o phetolwa o sa obolwa letlapi. 

'Cape Brown' ya mmala wa khaki ke mongwe wa metlhatsa ya bogologolo mo Afrika Borwa mme o lemotshega bonolo ka kalana e telele ya ona. Ke motlhatsa o o jewang le go dira jêmê o o tumileng. 

Motlhatsa o o jewang o o tumileng 'Brown Turkey' o rekiswa jaaka motlhatsa o o foreshe mme o tlhagiswa kwa Turkey, USA le Israel.

Metlhatsa ya Letlapi le le Setlha

'Calimyrna' ke motlhatsa o o sepirigwana o mosweu ka leungokobolwa le le sweu mme ke motlhatsa o o tumileng go gaisa o o dirisetswang go omiswa kwa Turkey le USA. Ka ntata ya matswakabele a tulafatso, ga go gakololwe gore o dirisiwe mo temô-kgwebong mo Afrika Borwa. 

Ka botala jo bo ntsi go feta bophepole, 'Dauphine' e tlhagisa metlhatsa ya breba e megolo thata ya bokete jo bo fitlhang go 240 gm. Mofuta ono, mo Afrika Borwa, o jalwa fela kwa Napier kwa Overberg. 

'Cape White' e nnye e e butswang go sale gale ke mofuta wa motlhatsa o mogologolo thata mo Afrika Borwa. E na le letlapi le le tala le leungokobolwa le le pinki e tshetlha. E tumetse thata go diriswa mo go direng jêmê. 

'Kodota' ya letlapi le le tala e na le leungokobolwa le le sweu goya go pinki mme ke motlhatsa o o tswina thata. 'Kodota' e ka jewa le go phetolwa esa obolwa mme e kotulwa go sale gale mo setlheng goya go bogare jwa setlha. 

'White Genoa' ya letlapi le le tala ke motlhatsa o o tumitseng thobo ya yona e e bonalang ya breba mme e dirisetswa jêmê. 

E lerilwe mo Afrika Borwa ke Agricultural Research Council Infruitec, ‘Deanna’ ke moenyi o o itshupileng wa metlhatsa e megolo e e botala jo bo serolwananyana. E tlhagisa metlhatsa e e nang le boleng jo bo manontlhotlho jwa bojewa-foreshe, e na le tshelo-poloko e telele mme e siametse go ka omiswa le go dira jêmê.

Translated by Nchema Rapoo