Mandela Lentswe la Tshiamo la Afrika

© Eric Miller

Botshelo jo bo Bonolo

Nelson Mandela o ganane le mogopolo mongwe le mongwe wa gore ke Mmoloki wa Afrika. “Ga ke akanye gore go maleba go lebelela motho a le mongwe jaaka mmoloki yo o tlileng go nna mmoloki wa kontinente”, o ne a bolelela babegadikgang fa a ne a newa kamogelo e kgolo kwa Tunis kwa kopanong ya ngwaga ya Organisation of African Unity (OAU) ka 1994 – ketelô ya gagwe ya ntlha kwa mokgatlhong oo jaaka tautona. Fela batho ba le bantsi ba mmona e le mmoloki. Go sa tshwane le baeteledipele ba bangwe ba lefatshe, Tautona Mandela o tlisitse boitshepi jo bo rileng mo botautoneng, jo bontsi jwa bona bo bakilweng ke go nna ga gagwe kwa kgolegelong nako e telele le go gana go dira bosula kgatlhanong le batho ba ba mo pateleditseng go nna le dingwaga tseo tse di sa namatseng di tlhoka boungwelo. Go sa tshwane le baeteledipele ba bangwe ba naga, ba ba dirisitseng dikantoro tsa bona tse di kwa godimo botlhaswa, ba ikokoanyeditse khumo e ntsi mme ba iphantse ka matshelo a manobonobo, Tautona Mandela o ne a itshelela bonolo mme a dirisa botautona jwa gagwe jaaka serala sa go atolosa thuso. O ne tlhoma sekema se se kgethegileng sa President's Children's Fund ka go dirisa kabo ya R150 000 (US$41 000) ka ngwaga go tswa mo tuelong ya gagwe dingwaga di le tlhano, mme a laletsa ba bangwe go nna le seabe mo sekemeng ka go duela tuelo e e tshwanang. Borrakgwebo ba le bantsi ba ntse le seabe. O dirisitse bokete jwa botautona jwa gagwe gape go tsenya mafolofolo mo matsholong a a bakileng gore bana ba dikolo-potlana ba nêêlwe difitlholô le go rebolwa ga tlhokomelo ya mahala kwa maokêlông go baimana le masea.

Kopano e e Nyatsegileng Ya OAU

Kwa kopanong ya OAU kwa Tunis ka Seetebosigo 1994, mmegadikgang o tlhalositse Mandela jaaka “Lentswe la tshiamo la Afrika”. Kwa toropong eo ya bokone jwa Afrika, ka mmuso wa yona wa kgatelelô, le moletlô wa manobonobo wa kopano e e nyatsegileng ya OAU, di patilwe ke go nna teng ga bontsi jwa baeteledipele ba Afrika ba ba kgopô ba go tlhoka boikanyego, go newa maemô ao go ne go na le ntlha.

Babegadikgang ba ne ba botsa gore aa barongwa ba Afrika Borwa ba tlile go leka go tlisa bosiami jo Afrika Borwa e bo rwalang go ya ka molaotheo wa yona o mo ša, ka tsepamiso mo tlhoko-bofitlha mo pusong le kgololosego ya go ntsha maikutlo le ya go tsamaya.

Tautona Mandela le barongwa ba gagwe ba ne ba kgapela dintlha tseno kwa thoko ka maitseo, mme mo ngwageng o o latelang, ênê le puso ya Afrika Borwa ba tsweleditse melawana e ka bophara e ka tlhaloswang jaaka “go sa intshunye-nko mo merêrông ya dinaga tse dingwe” mme e ikuela tirisano-mmogo magareng ga dinaga.

Le fa Tautona Mandela a kopile dinaga go nna le ditsamaiso tsa setemokrasi le go diragatsa ditshwanelo tsa botho, o ne ka nako e le nngwe a ikgatolosa kgatelelô ya ditshwanelo tsa botho, go nna le seabe mo botshosetsing jalo le jalo, ga dinaga tse di neng di ema ANC nokeng ka dingwaga tsa tlhaolele.

Seno se isitse kwa dipakeng tse di tsenyang matlho mo dikamanong tsa Afrika Borwa le United States le dinaga tsa bophirima tse di neng di mena-phatlha go botsalano jwa Tautona Mandela le Libya, leitlhaodi la kwa Afrika Bokone le le latofatswang ka go phampholola sefofane sa Pan American Airlines mo lefaufaung la Lockerbie kwa Scotland ka 1988, le Fidel Castro wa kwa Cuba yo ma-Amerika ba iseng ba mo itshwarele morago ga gore a fetolele dikgwebo tsa Amerika go tsa selegae ntle le go di tlhatswa diatla, le go tsenya dimisele tsa nuclear mo setlhakatlhakeng. Kgwebisano ya Afrika Borwa ya oli le Iran le yona e bakile kgotlhang le United States.

Borena jwa Maatla mo Afrika

Le fa ntswa go na le go sa utlwaneng gono, United States le Yuropa ba lebile go Tautona Mandela le Afrika Borwa go nna naga e e maatla mo Afrika, motshola-kagiso le sefetlha-moruo. Amerika le Yuropa ba tshololetse dimilione tsa didolara mo Afrika mo dingwageng tse di ntseng di feta, mme ntse ba sa kgatlhegele dipoelo. Bontsi jwa lehumo leo le feletse mo diatleng tsa bangwe ba baeteledipele ba Afrika fa dinaga tsa bona di tswelela go nwela mo tshenyegong.

Jaanong, jaaka tlhaolele e fetile, Amerika le Yuropa di rotloeditse Afrika Borwa go tsaya maemô a boetapele mo kontinenteng. Ba rata go bona morwalo wa bona mo Afrika o fokotsegile mme bogolo jwa ona bo le mo magetleng a maAfrika ka bo bona. Mme ke mang yo o botoka, ba ne ba ntsha lebaka, go rwala karolo ya morwalo ono fa e se Tautona Mandela wa Afrika Borwa?

Ka nako e le nngwe, mo gare ga dinaga tsa Afrika, Afrika Borwa e ne ya tlhagelela jaaka tshepo ya Afrika. Bontsi jwa dinaga tseno di ne di sa kgone go tshwara go fela pelo ga tsona mabapi le nako e dipuisano tsa diphetogô mo Afrika Borwa di e tsereng pele di ya bokhutlhong.

Tautona Mandela o ne a fofisetswa mo maemong a boeteledipele mo kontinenteng, a thusa go tima melelo kwa Lesotho mme a ntse a tsenya thotloetso kwa Nigeria, Mozambique le dinaga tse dingwe. Fela Tautona Mandela o ne a lemoga serai se se phepa se a ka welang mo go sona – go nna sesupo sa mmoloki mo Afrika fa tlhakatlhakanô e runya fa gae. Mme ka botlhale o ne a tlhopha go tsaya maemô a a kelotlhoko mo Afrika fa a ntse a tsaya thata tsiya mathata a gagwe a mo gae.

Translated by Nchema Rapoo