Kudu
Tholo

© Roger de la Harpe

Leina

Tholo kgotsa Greater Kudu [Tragelaphus strepsiceros]

Popego

Tholo e bontsha pharologano e kgolo go ya bong, dipoo di na le dinaka tse di kgolo, tse di telele, tse di manyoke go ya kwa godimo mme di fitlhelela boleele ba rekoto go 1.8 dimetara. Dinaka di gola ka botlalo ka ga dingwaga di le thataro. Dipoo di fitlhelela bogolo segolo bogolo jo bo fetang dikgomo. Di ka fitlhelela bokete jwa dikilogeramo tse di 300 le botelele jwa dimetara tse di 1.4 kwa legetleng le dikgomo tse dinamagadi tse di ka nnang bokete jwa dikilogeramo tse 210 le botelele jwa dimetara tse di 1.25 go ya legetleng.
Letlalo le le borokwa jwa bokhibidu le borokwa jwa bosetsha, e le methalo e e mesweu mo mathokong a farologana thata go ya ka popego, bogolo le ka tlhagiso. Mmala o o tshwanang le tlhaka ya V mo phatlheng le mabala a a masweu mo marameng. Moriri o moleele go tswa ka fa morago ga ya tlhogong go isa morago kwa mogatleng, gammogo le mo molaleng botlase le mo mpeng.

Dijo

Jaaka ditshedi tse di jang ditlhare tse di mefuta e e farologaneng le matlhare a ditlhatshana, e rata maungo, makape, dithunya, dimela tse anamang fa di le teng. Tse di goriwang tsa matute jaaka setlhare se mebitlwa le mekhopha e e jewang.

Pelegiso

Mo Afrikaborwa setlha sa go kopana ka bong se ka Moranang go fitlha ka Motsheganong. Matsalo a a diregang kwa ntle ga selemo ga se se sa tlwaelegang. Dibeke tsa ntlha tse nne go ya go tse thataro dinamane di kanama mo mafelong a go iphitlha mme di etelwa ke bo mmatsona go ya go di tlhokomela. Tse dinamagadi le dinamane di dira botsalano ka ditlhopha di le nne go ya go lesome.

Maitsholo a Yona

Ditlhopha tse di kwa godimo ga 20 gantsi di kgaoganngwa ka ditlhopha tse dinnye. Tse di nnye tse di namagadi di nna le bommatsona mme tse di tona di dira ditlhophana tsa tsona fela mme fa di fitlhela go itekanela go kopana le tse di namagadi ka bong, fa di nna dingwaga tse pedi, mme di rata mafelo a a kwa ntle ga bonnotlhago jwa tsona fa e se setlha sa go kopana ka bong.
Di poo di ya go nna le tse di namagadi ka nako ya go kopana le tsona ka bong. Dipoo ga di a tlwaela go busa ditikologo, mme di bontsha kgethololo ka dingwaga le bogolo mmo di beiwang go ya lenaneo la teng.

Bonnotlhago

Tholo e rat sekgwa sese kitlaneng, masimololo a thaba a a tlatseng ditlhare, sekgwa se se bulegileng sa ditlhare tsa mebitlwa mo Phakeng ya bosetjhaba ya Kruger le bonno polokego jwa metshameko mo kgaolong ya Mpumalanga, dikgwa tsa Mopane le Miombo tsa kwa Bokone le karolong tsa diporofense tsa Bokone Bophirima, le dinaga tse di kwa ntle ga naga.

Di fitlhelwa Kwa Kae?

Tholo di le phasaladitswe thata mo Aforikaborwa, phologolo e e tlwaelegileng ya metshameko wa diphologolo tsa bolimirui le metshamekolong ya poraefete mme le kwa mannong a bolemirui a mantsi.

Dipalopalo tsa Botlhokwa

Leina la SeLatina: Tragelaphus strepsiceros
Bokete (namagadi): dikilogeramo tse 200
Bokete (tona): dikilogeramo tse 250
Go Dusa: dikgwedi tse 7,5
Nomoro ya bašwa: 1 namane
Boketetsalo: 16 kg
Tolamo: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Dinaka: Disentimetara 125
Pelegiso: E nnye e lel nngwe e tsalwa nako epe fela e e tshotsweng mo tsamaong ya ngwaga ka go oketsega ka mafelelo a selemo morago ga nako ya go dusa e e ka nnang dikgwedi di le 7.

Tlhaloso Ya Fa e Gatileng

E na le motlhala o o moleele go feta wa Nyala, ke e tshwanang le Wildebeest ya botala jwa legodimo, mme e seng sephara jaalo. 8 – 9 ya disentimetara.