Ke Tlhoka Eng go Simolola Thuo ya Dinotshe?

Ke Tsela Efe ya go Ithuta Ka Thua Dinotshe

©The Animal and Plant Health Agency, Crown Copyright
Bontsi ba batshodi ba dinotshe ba bašwa ba lebelela dibidio tsa YouTube, fela bontsi jwa dibidio tse di tserwe kwa USA le kwa Yuropa. Dinotshe tsa Aforika Borwa di itshola ka go farologana gannyane; di bogale thata mo nageng ya rona e bile di tlhaba ka ditlamorago tse di masisi fa o na le tshwaetso ya dinotshe go bolela jalo Shirley Downie wa Beeware. Ka jalo go tsitsinngwa gore o tsenela boithuto ba thuo ya dinotshe le/kgotsa go dira patlisiso e ntsi ka barua dinotshe ba bagolo le batlha botlhale.

Ithute ka thua dinotshe ka go buisa kgotsa go o tsenele boithuto ba thua dinotshe. Go dira le motlhaba botlhale o o siameng gape go tla go ruta ka ga ditsela tse di mosola tsa thua dinotshe. Mo Aforika Borwa, ‘Buka e Tala’ (“Beekeeping in South Africa” by Johannesmeier et al.) e tsewa tsiya jaaka buka e e gaisang ka thua dinotshe.

Ditlhogo ka thua dinotshe di ka akaretsa tlhaloso ya dinotshe, tikologo ya tsona, taolo ya motshitshi, go tlhokomela kgosigadi le ntsho ya tswine ya dinotshe. Thuto e tla tlhalosa ka go tlhopha le go tlhoma motshitshi; tlhaola didiriso tsa thua dinotshe tse di tlhokegang; go kgobokanya le go baakanya tswine ya dinotshe gammogo le go tlosa le go tshwara digopa.

Fa o ka se kgone go tsenela boithuto ba thua dinotshe kgotsa letsatsi ka tshedimosetso, leka go bona motlhababotlhale jaaka morua dinotshe o a nang le maitemogelo a o ka ratang go abelana ka kitso ya gagwe.

Go baya kae Metshitshi?

©Marinda Louw
Fa o nna mo toropong, batlisisa go tswa go mmasepala fa e le gore go letleletswe go rua dinotshe mo motsesetoropong. Fa go le jalo, tshola dinotshe ka bonnye dimetara di le 50 go tswa mo diruiweng le batho. Mo metseselegaeng, tshola metshitshi go tswa mo dikgogong le dipitse, dinotshe ga di rate monko wa diphologolo tseno.

Lefelo leo dinotshe di tsholwang le bidiwa jaaka apiary. Apiary e tshwanetse go fitlhelelwa, go agelwa, go oma le go tsenela ke marang, mme e seng go tlhaselwa ke serame. Mo godimo ga moo, e tshwanetse go kgona go tlamela ka dijo le metsi a dinotshe tsa tswine go se kgole go feta 3 - 5 km go tswa mo motshitshing.

Le mororo dikgaolo tse dingwe di ka nna le dijo tse di lekaneng go ditshelammogo di le mmalwa (digopa), e ka nna ya se kgone go e tshegetsa go ralala ka setlha sotlhe. Ka jalo, go ka tlhokega go sutisa ditshelammogo go ya dimeleng tsa maleba ge di ntsha dithunya. Se se ka dira jaaka tirelo e e botlhokwa (e e dueletsweng) ya go dulafatsa go balemirui ka koketso ya bonase ya tswine ya dinotshe go barua notshe.

Ka dinako tsotlhe kopa tumelelo mo go mong wa thoto pele fa o bea metshitshi ya gago mo lefatsheng la gagwe.

Intaseteri ya Dinotshe ya Aforika Borwa (SABIO) e emela barua dinotshe mo Aforika Borwa le go gakolola barua dinotshe ba botlhe go kwadisa metshitshi ya bona le Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF).

Go Bona kae Motshitshi le Botshelammogo

©Marinda Louw
Go simolola thua dinotshe o tla tlhoka botshelammogo jwa dinotshe le motshitshi go di tshola. Go na le ditsela tsa go reka botshelammogo ba dinotshe:

O ka reka segopa go tswa kwa morua notshe o mogolo.
O ka tshwara segopa se sešwa ka serai (segopa sa kwa nageng kgotsa se se hudugang). Go baya serai ke selo se se gaisang mo nakong ya digakololo.
O ka tlisa segopa se se leng teng mo motshitshing. Le gale, seno se tlhoka bokgoni bo bo rileng.
O ka gogela botshelammogo ba dinotshe ka go tshasa tswine ya dinotshe mo botlaseng jwa motshitshi, ka go dirisa sebiletsa sa segopa sa kgwebo kgotsa ka go tshasa bojang ba ratsuru mo botlaseng jwa motshitshi.

Dinotshe di ka nnang teng mo teng ga mosima mongwe le mongwe jaaka legaga, diphatlha mo ditlhareng kgotsa mabokoso a logong. Go baa botshelammog ba dinotshe mo ntlung o tla tlhoka motshitshi. Se se ka nna sa ka rekwa go tswa mo setlamong sa didiriswa tsa dinotshe. Go na le barekisi ba metshitshi ba ba itsegeng fela o sa ntse o tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka morekisi jaaka metshitshi e mengwe e ne e ise e nne mo maemong a a siameng. Tlhotlhwatlase ga se ka metlha se se gaisang.

Ka dinako dingwe, balemirui ba dinotshe ba rekisa metshitshi e e dirileng, mme se se tshwanetse go bolawatwatsi pele di ka dirisiwa go thibela malwetse go fetisetswa ga malwetse mo segopeng sa gago. Metshitshi e e dirisitsweng e ka dirisiwa jaaka serai sa segopa se sešwa sa dinotshe.

Didiriswa tsa Thuo Dinotshe

©Chris Daly
Jaaka tlosabodutu nngwe le nngwe kgotsa tiro, o tlhoka didirisiwa tse di siameng go dira ka ditshelammogo tsa dinotshe. Fa metshitshi e sa tlhokomelwa sentle, ditshelammogo di tla tswa mo motshitshing mme di batle lefelo le le babalesegileng go nna gone.

Go atlanegisitswe gore o reke obarolo ya sekonopelo sa sipi lesire go sireletsa sefatlhego sa gago le molala gore o seke wa tlhabiwa. Se se tlhokegang gape ke ditlelafo tsa letlalo kgotsa PVC, dikheita go sireletsa magwetlana le dibutshu. Jaaka karolo ya sediriswa sa morua dinotshe o mošwa, o tla tlhoka sentsha mosi, sediriswa sa motshitshi le boraše ya dinotshe. Morago ga moo, fa go ntshiwa tswine, sediriswa sa go ntsha le sona se tla tlhokega.

Translated by Lawrence Ndou