Go Medisa Digaranata

© Marinda Louw
Garanata e e butswitseng ke leungo le le matswakabele ka karolo e e jewang mo teng le letlalo le le thata le le mmala wa mmalafatsi anthocyanin.
Dithoro tse di khibidu tse di phuthetsweng ka go kgohlagana (arils) le dikgaolo di kgaogantswe ke molelwane o mosweu o o sa jeweng. Arils e na le peo ya khutlo e e dikaganyeditsweng ke tšhotlo e jewang ya matute, e e tsweletsang esiti e e bosukiri le matute a makhibidu.
Digaranata di gola mo dikgaolong tsa selemo tse di bollo fela di tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le phiso ya letsatsi. Go ntsha dithunya tse di itulafatsang ka bo tsona ka makgetlo a le mararo magareng ga Lwetse le Ngwanatsele. Se se raya gore maungo o butswa mo tsamaong ya nako mme a tla robiwa ka makgetlo a le mararo.
Ntshokuno ya bogwebi jwa digaranata e tshwanetse go simolola morago ga dingwaga di le tharo mme e ka dira kumo ya bokana ba palogare ya ditone tse 30 ka heketara go tswa mo ditlhareng tse di butswitsweng (go tloga dingwaga di le thataro le go feta), mme go fitlha ditone di le 42 ka heketara di setse di robilwe. Maungo a tsidifaditswe le go baakanywa morago ga go robiwa mme a tla rekisiwa jaaka leungo lotlhe kgotsa go dirwa le go fetolwa go nna matute, arils le oli (tiriso ya selegae) kgotsa ka thomelontle jaaka maungo a ma foreše.
Ditlhare tsa digaranata di tla mela le go uma maungo ka ka dingwagasome ka jalo go botlhokwa gore pele ga go jala, balemirui ba digharanata ba bašwa ba tlhophe mofuta o o siameng wa peo go tswa kwa mafelong a go godisa dimela a a nang le seriti, tsaya diteko tsa mmu, go sekaseka boleng jwa metsi, go baakanya mmu le go letla gore go nne le tsenelelomedi le go tsenya nosetso, go gakolola Jorrie Mulder, mogakolodi wa Mokgatlho wa Bantshakuno ba Garata (POMASA).

Mmu o o Siameng wa Digaranata

Paakanyo ya lefelo la go jala digaranata e botlhokwa. Tsamaiso e e nonofileng ya mmu pele ga nako ya go jwala e tla thusa ka tlhabololo ya bontsi jwa medi. Boteng ba medi ya dimela bp tlhomamisa palo le boleng jwa medi gammogo le go mela le go uma ga setlhare. Sekao, boteng ba medi bo tla tlhotlheletsa nosetso – bobedi makgetlho (neng, gantsi go le go kae) le bokana (metsi a a kana kang ka nako e le nngwe) jwa metsi.
Garenata e ka mediswa ka katlego mo mebung ya mefutafuta fela e rata pH ya mmu ya 5 - 7,5. Simolola ka go baakanya mmu dikgwedi di le dine go ya go di le tlhano pele ga go jala, go tshwana le go fetola maemo a pH a mmu gore a nne 5 le go oketsa le foseferase fa diteko tsa mmu di supa ka jalo. Fa go tlhokega, fokotsa maemo a pH a mmu ka go oketsa sulefera. Gysum le yone e ka nna ya oketswa le go fokotsa maemo a letswai (Na) mo mmung.
Go botlhokwa go rulkagabya gore mmu o sekasekiwe. Go lekanyetsa dihemikhale le go oketsa dimenerale go tshwanetse go dirwa morago ga go tshethseko ka botlalo le dipholo tsa ditlhatlhobo tsa mmu. Fela jalo, balemirui ba bašwa ba ka batla go oketsa ditwatsi mo mmung ka go oketsa monotsha o o siameng fa go jalwa, fa e le gore dipholo di dumelana le kokeletso eno.
Tila go medisa garanata mo mebung e e sa gamolwang sentle le mo mmung o o nang le mmopa ka ge se tla isa kwa go boleng ga medi.
Mo mmung o o seng boteng, go nna teng ga bokana jwa mmu ka setlhare ke se se sennye le setlhare se ka nna kotsing ya komelelo le phepelotlase. Mebu e e katisegetseng e tla thibelang tsenelelomedi ga mmogo le okosijene, tsenelelo ya metsi le motsamao wa metsi le go tsenelela mo mmung.
Rulaganya mela ya go jala ditlhare le mekgokolosa ka ntlha ya tlhagelelo letsatsing e e kwa godimo le gamolo ya mmu e e siameng. Go lebelela kwa bokone-borwa ke go go siameng; sejalo se bona marang a letsatsi a a lekanang ka fa matlhakoreng oomabedi a setlhare ka nako motshegare.
Leka go se jwale mo mokgokoloseng e e lebeletseng kwa bokone go lekanyetsa phiso ya letsatsi le go efoga mafelo a a tlhaselwang ke serame jaaka dikgaolo tse di kwa tlase tse di bulegileng.

Go Jala Digaranata

©Marinda Louw
Katologano ya ditlhare mo tshimong e ntšhwa ya ditlhare tsa garanata e tla laolwa ke mofuta wa mmu, thulaganyo ya go nosetsa, fa thulaganyo ya tshegetso e tshwanetse go dirisiwa le mofuta wa peo o o tlhophiwang.
Ka palogare, magareng ga 600 le 800 ya ditlhare e tshwanetse go jalwa ka heketara. Katoloso ya ditlhare e tshwanetse go dirwa ka mokgwa o o latelang: bonnye 5 M fa gare ga mela mme bonnye dimetara tse 2 fa gare ga ditlhare mo moleng.
Fa e le gore tshimo ya ditlhare e kitlane, kumo e isitswe kwa fatshe, maungo a tla nna teng fela kwa godimo ga ditlhare, mmalafatsi wa maungo ke o o sa siamang le tsenelelo ya didiriswa tsa go gasetsa ga se e e lekaneng.
Ka paakanyo ya mmu e e siameng fa e dirilwe (sk. go tlhatlhamolwa), mmu o tshwanetse go nna fela o le bonolo mme o itekanetse go jala. Mo godimo ga moo, mela ya nosetso e tla bo e setse e tlhomilwe.
Balemerui ba bašwa ba digaranata ba atlanegisitsweng go dijalo tse di šwa (tse di sigilweng go tswa kwa meding kgotsa ditlhare tse di leng mo polastikeng) go tswa mafelong a go godisa dimela a a tlotlegang fela.
Tse segilweng go tswa ka meding di jalwa ka nako ya mariga fa a ela go fela kgotsa ka tshimologo ya dikgakologo mme ditlhare tse di tsentsweng mo polastikeng di tla dira botoka fa go jalwa ka nako ya dikgakologo kgotsa tshimologo ya selemo. Morago ga go jwala, go tsenya menontsha go thibela mofero go gola le go nosetsa ka bonako go gatelela mmu go thibela medi go oma.
Go ya dipoelo tsa mmu, naetrojene e e ka nnang dikilogeramo tse 100 ka heketara (N) e a neelwa ngwaga le ngwaga. (Se ke tekanyetso e e tlwaelegileng mme e tshwanetse go dirisiwa go ya ka dipholo tsa diteko tsa mmu’).
Tlhatlhobo ya matlakala e tshwanetse go dirwa ngwaga le ngwaga. Seno se tla supa fa go na le ditlhaelo tsa dimenerale di leng teng mo sejalong. Seno se ka baakanngwa ka phepo ya matlakala. Ditiragatso tsa matlakala di, le gale, ke tlharabololo ya nako e khutshwane.
Tharabololo e e gaisang ya pakatelele ya dijalo ya tlhoka dikotlo mo mmung, ke go nonofisa dijalo a re jaalo Jorrie. Tiragatso ya matlhare e ka akaretsa, senke ya matlhare (Zn) morago ga maungo a ntlha a sena go seta, boron (B) ka nako ya go thunya le seedi sa kelp.
Go ka tlhokega go fokotsa naeterojene: fosforo e e gaufi le maungo a a butswitseng, go netefatsa tlhabololo e e siameng ya mmala le kokoanyo ya disukiri mo arils. Go bona kgakololo go tswa go mankge ka monontsha o o tshwanetseng mo digaranateng.

Nosetso ya Digaranata

Go botlhokwa gore boleng jwa metsi bo tlhatlhobiwe le mela ya go nosetsa e tlhomiwe pele ga go simolola go jala.
Le mororo ditlhopho tsa garanata mo maemong a bosa a a bolelo le a omileng, setlhare se tlhoka nosetso ka ntshokumo ya maungo. Ditlhare di tla gola ntle le metsi mme di tla gatelelwa go uma bokana bo bogolo ba maungo a boleng jwa godimo.
Diteko tsa go nosetsa ka Khansele ya Dipatlisiso tsa Temothuo (ARC) di setse di weditswe ka 2018 le dipholo tsa ntlha tse di supileng gore nosetso e nnye e ka nna le dipholo tse di botoka go feta nosetso ya rothetso.
Nosetso e e kwa godimo go e a atlenegisiwa jaaka dithunya tsa garanata di le kotsing ya bollo. Kaelo ya kakaretso ya ditlhokego tsa metsi tsa digaranata di tla nna 7 500 m 3 ka heketara ka setlha se le sengwe. Se se lekana le 750 mm ya pula.

Ditlhokego tsa Monontsha tsa Digaranata

Tlhotlheletso ya monontsha mo digaranateng e nnye sentle ka go lekalekantsha le dintlha tse di jaaka maemo a bosa, metsi le disalela tsa dimela. Le gale, digaranata di tsweletsa bokana jwa dilo tsa tlhago mme e batla le dikotlo tse dingwe go tlaleletsa le go tswelela go uma.
Fosoforo le potasiome di tlhoka go dirisiwa fela fa mmu kgotsa tshekatsheko e bontsha tlhaelo. Nngwe ya ditlhokego di le mmalwa tse di tlwaelegileng tsa digaranata ke senke (Zn), e e lemogiwang jaaka matlhare a nnang boserolwane. Tiriso ya matlhare a Zn morago ga ge leungo le setile e a atlanegisitswe.
Go bona kgakololo ya boitseanape ka monontsha o o tshwanetseng.

Translated by Lawrence Ndou