Folaga ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa

©Roger de la Harpe
Folaga ya bosetšhaba, e e dirisitsweng lantlha ka 27 Moranang 1994, e tlhamilwe ke Rre Fred Brownell, Motlhokomela-Mediro ya Mmuso wa Afrika Borwa wa maloba. Mebala le botaki ke kakanyô-maikutlo gotswa mo historing ya folaga ya Afrika Borwa. Mebala e e farologaneng le dikopanyo tsa mebala di na le bokao jo bo farologaneng go batho ba ba rileng, ka jalo ga go na boitshupo bo le esi jo bo ka gokaganngwang le tsona.

Botaki jo bo botlhokwa jwa folaga bo simolola mo paleng ya folaga ka sebopego sa ‘V’ e e elelelang go nna mothalo ole esi yo o rapaletseng, mme o ya kwa letlhakoreng le le kwa ntle. Seno ke sesupo sa kokoano ya batho ba mefuta yotlhe ba setšhaba sa Afrika Borwa fa ba tsena mo tseleng e e isang kwa momaganong. Molaetsa ono wa kokoano le momagano o tswa mo moanông wa Sekanô sa Setšhaba sa maloba sa Afrika Borwa - Kopano ke Maatla.

Go Fofisa Folaga

©Roger de la Harpe
Fa go fofiswa folaga ditsamaiso tse di rileng di tshwanetswe ke go ka obamelwa jaaka go supilwe mo Phasalatsong ya Mmuso 22356, Kitsiso 510 ya 8 Seetebosigo 2001.

Fa o bontsha Folaga ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa ka go rapalala, morokô o go tlhomelwang ka ona o tshwanetse go nna ka fa molemeng ka mothalo o mohibidu kwa godimo. Fa o bontsha folaga ka tsepalalô kgatlhanong le lebota, mothalo o mohibidu o tshwanetse go nna ka fa molemeng wa molebi ka moroko o go tlhomelwang ka ona kwa godimo.

Kwa kopanong ya botlhe, fa folaga ya bosetšhaba e bontshwa fa thoko kgotsa fa morago ga sebui sa botlhe, folaga e tshwanetse go bewa ka fa mojeng wa sebui. Fa e bewa gongwe le gongwe mo kopanong, e tshwanetse go nna ka fa mojeng wa phuthego.

Translated by Nchema Rapoo