Dirai le Bolaodi ba Bobatana

© Chris Daly
Dirai di ka dirisiwa go tshwara dibatana, fela dirai di tshwanetse go tlhomiwa ke moitseanape le go dirisiwa ka tsela e e sa gobatseng diphologolo. Ditetlelelo di a tlhokega go tlhwara ditshedi tse di sireleditsweng kgotsa tse di leng mo kotsing.

Dirai tsa Jini

Dirai tsa jini di setse di kganetswe mo dinageng tse di fetang somearobonngwe go ralala lefatshe, go ya ka Dikaedi tse di Dirang tsa Ditaolo tsa Maitsholo a a Amogelesegang a Dibatana mo Diruiweng tse di mo Dipolaseng tse di seng Kotsi tsa Tikologo tsa Gotlhelele, e kwetswe ke Bool Smuts ka 2008. Dirai tse di tlhola e pogiso e ntsi ka go ngaparela leoto la phologolo. Diphologolo, e seng fela gore di a golofadiwa mo thulaganyong eno, mme di ka swa ka lenyora kgotsa ka tlala fa e sa fepiwe moragonyana fela fa di sena go tshwarwa. Gape di ka nna le tshwwarwa ke ntho e e kekelang fa dikgobalo tsa tsona di nna tsa senyega.
Kwa ntle ga se, dirai tsa jinni ka tota ga di kgetholole, se se rayang gore diphologolo di le dintsi tse di se “nang molato” le tsona di a tshwarwa mo dirai tse tse di botala.

Dirai tse di Bonolo

Go ya ka Ikanyego ya Nkwe ya Kapa, dirai tse di bonolo di farologana go tswa mo seraing sa jini ke gore dirai tsa jinni di na le ditlhaa tsa ditshipi, ka dinako tse dingwe di makekete, di dirilwe go tlhola tshenya e e boitshegang ya letlalo le le bonolo, ditshika, le tshenyo ya lerapo mo phologolong e e tshwarweng, mme dirai tse di bonolo di na le ditlhaa tse di bulegileng ka mekokoma e e tsentsweng rabara, diporeng tse di bokoa, di-swivel tse di okeditsweng gabedi le diporeng mo ketaneng go tila tshenyego ya tshika kgotsa mosifa.
Gape ga di a tota mo tse di rileng, fela diphologolo gantsi di ka gololwa ka pabalesego go tswa mo go tsona di sa gobala. Dirai tseno di tshwanetse go bewa leitlho letsatsi le letsatsi go golola diphologolo ka bonako jo bo kgonegang morago ga go tshwarwa le mo tirong ya go thibela dikgobalo le kgatelelo e e sa tlhokegeng mo diphologolong tseno. Dirai di tshwanetse go bewa ke motho o o katisitsweng mme ga di a tshwanela go bewa mo ditselaneng tsa dinao tsa phologolo tse di tlwaelegileng, mo ditseleng tse di fa gaufi le melelwane ya magora kgotsa gaufi le mesima ya metsi.

Dirai tse di Tshelang tse di Tshwarang

Dirai tse di Tshelang tse di Tshwarang ke didirisiwa tse di ikaelelang mo go tshwareng le go tshola phologolo, ka jalo e ka nna go fuduswa. Dirai di tlhamilwe go se gobatse diphologolo le go dira ka tsiboso e e tlholang lebati la serubi le tswalege fa boima fela bo beilwe mo go lona.
Dirubi di tshwanetse go tlhatlhobiwa letsatsi le letsatsi, go golola diphologolo tse di se nang molato le go tlhokomela diphologolo tse di totilweng. Ga sa lekola dirubi, go ka tlisa loso mo diphologolong tse di bolawang ke tlala kgotsa lenyora. Diphologolo di ka nna ka fa tlase ga kgatelelo kgotsa go tlhasela le go ikgobatsa ka botsona ka maiteko a go ikgolola.
Dirai di khurumeditswe kia furu fa fatshe, fa boalo ba serai bo kgoromeditswe ka mmu o o bonolo. Di ka dirisiwa ka go gogela kgotsa go ratela go ikaegilwe ka diphologolo tse di totilweng mme gantsi di beilwe mo tseleng e e itsegeng ya dibatana. Dinkwe, sekao, ke diphologolo tsa tikologo, fe di-caracal gantsi di boela mo setsomiwa se se foreše. Dirai dingwe di na letseno le le lengwe, fa dingwe di na le matseno a mabedi. Dirai di dira ka ditshedi tse dintsi, kwa ntle ga phokjwe.
Mofuta wa serupi o o dirisiwang o ka farologana go tswa mo setsheding sengwe go ya go tse dingwe. Kaedi ya Botsamaisi ba Bobatana e gakolola balemirui go khupetsa lebati ka sepontšhe kgotsa rabara go thibela mapogo kgotsa dinkwe go bona megatla ya yona go gobala. Dinkwe le tsona di tshwanetse go khupetswa ka seile e e kitlaneng go e rephisa maikutlo mme e a okobatswa ke ngaka ya diphologolo pele e fuduswa. Seno se dirwa mo diphiring tse di borokwa, mangau le di-otter.

Translated by Lawrence Ndou