Dintlhakgolo tsa Loeto lwa Robben Island

Mosepele wa Sekepe

©David Fleminger
Ntlhakgolo ya loeto ke mosepele wa sekepe go ya setlhaketlhakeng. Sekepe se tsaya metsotso e e ka nnang 30 mo go yeng le mo go boweng, mme ditebego tsa Cape Town le Table Mountain di di ntle.
Ka mannete, mopagami mongwe le mongwe o a emelela mo sekepeng ka ditsayaditshwantsho le megala-ya-letheka tsa bona mo maitekong a a senang mosola a go tshwantshisa pono e e boitshegang eno.
Ditsayaditshwantso tsa video le tsona di tletsetletse – gongwe go dira seno mosepele wa sekepe o o gatisitsweng go gaisa mo lefatsheng. Ela tlhoko, fela, gore lewatle le ka nna mafega mme mosepele o ka emiswa fa maemo a bosa a sa siama.
Dikepe tse pedi tse di diriswang ga jaana di rwala batho ba ba ka nnang 160 ka nako, ka jalo di phela di tletse. Seno se baka go kgarametsana, segolo thata fa magogomogo a le kwa godimo mme batho ba thekesela gotswa letlhakoreng le lengwe la sekepe go ya kwa go le lengwe gore ba bone sentle.
Dikepe di na le lebenkele-potlana le le rekisang dijonyana le dino, fela dijo ga di apeelwe mo sekepeng. Nnotagi ga e rekiswe mo tseleng go ya setlhaketlhakeng, fela e a rekiswa fa go boelwa morago.
Go sa kgathaletsege, morago ga loeto lo lo ntle go kgabaganya mosele gotswa Cape Town, sekepe se ema kwa Murray's Harbour mo Robben Island. Baeti jaanong ba a fologa le go feta fa ditshwantshông tsa bontsho le bosweu tse di okameng, tsa histori ya setlhaketlhake, go ya kwa dibeseng tse di letileng.

Mosepele wa Bese

©David Fleminger
Morago ga go natefelwa ke tshono ya go tsamaya mo setlhaketlhakeng ka bonna. Bese ga e eme gope mo sebakeng se se telele, mme ga o a letlelelwa go fologa mo beseng go leba lefelo. Gona fela le nako e e lekanyeditsweng e e leng teng le palo e ntsi ya batho ba ba tshwanetseng go sekasekwa.
Mo godimo ga fao, gona le morafe wa batho ba le 150 o o dulang mo setlhaketlhakeng, mme matshelo a bona a ka kgoreletsega thata ka ntlha ya batswakwa ba ba sasankang mo motseng wa bona. Ka mo go ntseng ka teng, dibese di feta kgapetsa-kgapetsa mo ebileng bana ba selegae ba ba tsamayang go ya sekolong ba setse ba tlwaetse difatlhego tse di tomotseng matlho gotswa mo matlhabaphefong a a fetang.
Mo bokamosong, Robben Island Museum e rulaganya go simolola loeto lwa dinao mo setlhaketlhakeng mmogo le, gongwe, tselana ya dibaesekele. Fa tseno di nna teng, ke go rotloetsa gore o dirise monyetla ono.
O tota o tshwanetse go gata mo mmung wa Robben Island go itemogela maatla a lefelo le. Tlhaloso e e feletseng ya baagi ba selegae le loeto lwa dinao lwa me lo eseng lwa semmuso go ralala setlhaketlhake e ka fitlhelwa fa tlase.

Ntlo ya ga Robert Sobukwe

©David Fleminger
Fa o tswa fa boemela-kepeng, o feta mo gare ga dikgoro tsa konkoreite tse di nang le sekanô sa setlhaketlhake (lelomo la lily) le motto wa kgolegelo ya paka ya tlhaolele, 'Re Direla Ka Boikgantshô. Ons dien met trots'. Letswao la 'O Amogetswe' le le tshotlakonyana le pentile mo letlhakoreng le le fa tlase la tselana ya kgoro.
Lefelo la ditlhobolo tsa sesole gotswa kwa Ntweng ya Lefatshe ya Bobedi le bonagala nakwana ka fa molemeng wa gago, mme bogolo jwa kgolegelo ya tshireletso e e kwa godimo bo go emetse kwa pele. Bese e tswelela go ya kwa molemeng, fela, e efoga diphinkwini, mme ese kgale e ema go bapa le serapa sa mabitla sa bogologolo, gaufi thata le mabota a kgolegelo. Seno ke serapa sa mabitla a bogologolo a lepere, mme mabitla a a sugakang okare a lela le khutsafalô ya badudi ba ona ba ba hutsafetseng.
Kemo e e latelang ke ntlo ya ga Robert Sobukwe, e agilwe kgakajana le motse. Ntlo e e potlana ya diphaposi di le pedi e lebega e le nnye thata gore e kabe e tshotse motho wa boemô jo bo golo jaaka Sobukwe, fela ke fano fao a tshetseng dingwaga di le 9 ntle le kamanô e e itshupileng le batho.
Mantlwana a dintša a a fa thoko ga ntlo a tsentswe ka 1976, morago ga dikhuduego tsa kwa Soweto, fa dintša tsa tlhaselo tsa tlaleletsô di ne di tliswa go thusa go ka laola bosetlabošweng ba ba mafega. Bese e tswelela go ya kwa Church of the Good Shepherd.
Kagelelô enô e e bonolo e tshweu, e agilwe ke Sir Herbert Baker jaaka lefelo la kobamelo la batho ba ba tshelang ka lepere, bao e neng ka motsi oo ele badudi kwa General Infirmary. E ne e sena dipanka mme ena le matlhabaphefo a mannye thata, gore bolwetse bo se tshwere badudi ba bangwe. E agilwe ka 1895 mme ke sefikantswe sa bosetšhaba.

Go Kgweetsa Mo Gare Ga Motse

Jaanong le kgweetsa mo gare ga motse, o o itsagaleng gape jaaka Irish Town. Ke motswako wa dikagô tse di farologaneng. Dingwe ke tse di tswang kwa pakeng ya Victorian fa setlhaketlhake e ne ele bookelo, dingwe ke tsa gotswa dingwageng tsa sesole tsa motsi wa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe.
Gona gape le dikagô di le mmalwa tsa sešweng tse di agetsweng setšhaba sa batlhokomedi ba kgolegelo se se dutseng fano le malapa a bona fa e ne e santse ele kgolegelo ya tlhaolele. Dikagô tseno tsa sešweng di na le go tshegisa le go bonagala bodutu jaaka bapolotiki ba ma-Nationalist ba nako eo, mme kompone e e agetsweng batlhokomedi ba basweu ba ba sa nyalang e maswe, le fa e santse ele kaone thata gona le ntlwana-fitshwana.
Jaaka karolo ya bona mo maitlamông a go laola le go somarela ngwaô, dikagô tsotlhe mo Robben Island di tsholwa mo seêmông sa tsona sa kwa tshimologong. Pente e leswa gore e tleboge mme dipaakanyo ga di a letlelelwa, ntle fela le ditokafatso tse di tlhokagalang go ka tshola dikagô di eme.
Seno se matshwanedi ka gotlhelele go museum, fela se dira botshelo gore bo nne ka tsela e e sa tlwaelegang go batho ba ba tshelang le go dira fano. Kagô ya tsamaiso, sekai, e agilwe go dikaganyetsa lebala la konkoreite le le sa pentwang mme e santse e ka go gopotsa dikantoro tsa kgolegelo ya bogologolo tse di neng ele yona.
Le mo motseng tota, dilo ga di a letlelelwa go ka fetolwa, mme botshabelo jwa kgale jwa ditsenwa tsa basadi bo santse bo eme, bo lo loleya ebile bo phuagantswe, bo kua ka khutsafalô e e situ.

Translated by Nchema Rapoo