Dikgoreletso mo Botshelo ba Matebele

© Dr Peter Magubane

Ntwa ya Maburu - Matebele ya 1883

Ka nako ya ngwagakgolo wa bo20, diphetogo tse dikgolo thata mo temothuong ya basweu e tlhodile gore banni ba Matebele ba kwa dipolase ba ba hirileng ba bewe ka fa tlase ga kgatelelo e e oketsegang ka leruri. Mo mabakeng a mangwe, molemirui o tla dirisa metšhene, mme a sa tlhole a tlhoka tirelo ya badiri ba seka ntweng, mme o tla ba leleka lelapa fela. Mo mabakeng a mangwe, molemirui a ka oketsa ka bonya bontsi ba nako eo bašwa ba basimane ba tshwanetseng go e dira mo polaseng, mme go tlhola gore basimane ba le bantsi ba Ndzundza go tshaba. 

Ka gore ba lelapa ga ba tlhole ba kgona go dira tirelo ya tiro, batsadi ba monna o le bokgaitsadie ba ne bo tlosiwa mo dipolaseng, mme ba lelapa botlhe ba tla tshwanelwa ke go bona ledelo le lešwa la go tshela. Ditiragalo tseno ka bobedi di ne di bona dipalo tsa Ndzundza — gantsi ba patiwa ke metlhape e megolo ya dikgomo ba ne ba tshwanetse ke go aga mo mafelong a mašwa a go nna. Ba ne ba ya go ka nna kwa nagalegaeng e tlhamilweng sešwa ya Kwandebele kgotsa kwa nagalegaeng ya (Basotho ba Bokone) ya Lebowa.

Batshwaya diphoso ba le bantsi ba ba bone Kwandebele jaaka ‘thothobolo', ya bofelo mme a bonwa jaaka 'Tona' le baromiwa ba gagwe ba bosula jaaka ditotwa tsa puso ya tlhaolele. Fela e ne e tshwanetse go nna lefelo la tiragalo e e seng kwa tlase ka digakgamatso kgotsa tse di tlhomameng go feta Ntwa ya Maburu - Matebele ya 1883.

Ka nako ya malatsi a neng a le lefifi go feta a tlhaolele, ka nako ya mafelelo a bo1980, go ne ga runya lekhubu la twantsho e e itsegeng, ka tshegetso ya kgosi ya peleng ye e neng e busa Ndzundza, kgatlhanong le batlhankedi ba ba kgatelelo ba puso. Tshegetso e e neng e itumelela tshegetso ya dikhuduego tsa katlego tse di thibileng ditshitshinyo tsotlhe tsa ‘kemonosi’ ya KwaNdebele ka fa tlase ga tlhaolele. Matebele a bontshitse, le go tswelela go bontsha, gore setso ga se a gagamala jaaka go ka tlhagelela, le gore maikutlo a bogosi a ka ikuelwa mo tirong ya kemedi ya temokerasi.

Translated by Lawrence Ndou