Dikgakologêlô tsa Nyalô e e Senang Bana mo Ngwaong ya SeXhosa

Tenjiwe Tutu o arogana maitemogêlô a gagwe a go nna mosadi wa moXhosa yo o nyetsweng a sena bana mme a tlhorontshwa ke maloko a lolapa.

Nna kgotsa Ene?

©Eric Miller

Monna wa me e ne ele monna yo o siameng. O ne ka metlha a bua sentle le nna mme a le pelonomi. Fela fa dingwaga di ntse di tsamaya, mme re sena bana, lolapa lwa kwa ga bona, segolo jang mmaagwe, lo ne lwa nna pelontsho mo go nna. O ne a ntse a mpitsa pholo. Wa bona, kwa Transkei re dirisa dipholo tse nne, di pannwe mmogo ka para, go lema.

Dikgomo di ne di tshwana le basadi, di tlisa bana, fela dipholo e ne ele tsa go dira tiro e e thata, di goga mogoma le go rwala ditanka tse kgolo tsa metsi kgotsa di rwala dingatana tse kgolo tsa dikgong gotswa kwa sekgweng. Mmatswale wa me o ne a ntshwantshanya le pholo ka gonne ke ne ke sa kgone go tshola bana.

Ke ne ke kwatile thata mme ke utlwile botlhoko, ke ne ke batla go tsamaya. Monna wa me o ne are, 'O seke wa tshwenyega. Ga se rona fela re senang bana. Bagodi bangwe ga ba na bana, mme ba santse ba le mmogo.

Re nyalane mme re tshwanetse go dula mmogo go fitlha re tlhokafala.' Fela lolapa lwa kwa ga bona le ne le batla bana ba le bantsi gotswa mo go rona, mme ba ikgatholosa se a se buileng. Le fa ntlo e ne e tletse ka batho, ba ne ba bua ka ga go nkgapela kwa ntle.

Ba ne ba boeletsa, 'Ga se se basadi ba bangwe e leng sona, ke pholo.' Se se ne se mpolaya. Mme ke ne ke sa itse gore a ke nna, kgotsa monna wa me, yo a neng a retelelwa ke go dira bana.

Popelo e e Nang le Botlhole

©Eric Miller

Ka motsi mongwe ba ne ba nkisa kwa ngakeng, e e rileng monna wa me o itekanetse fela nna ke tshetswe botlhole, mme popelo ya me e leswe thata. Seno se dirile gore mongwe le mongwe a dumele, le go feta, gore e ne e le phosô ya me. Ke tlogetse Mzwandile ntle le go mo bolelela, dingwaga di le thataro morago ga gore re nyalane.

Ke ne ke mo tlhomogela pelo thata mo gare ga banna ba bangwe, mme ke ne ke batla gore a ikutlwe a gololosegile. Ke ne ke mo senyetsa nako ka gonne ke ne ke sa kgone go tshola bana, mme o tshwanetse go tsaya mosadi yo mongwe a leke gape, ke ne ke akanya. Ke ne ka tla Cape Town. Re ne re sa buisane ka motsi oo.

Fela, ka motsi mongwe, fa ke ne ke tshwanetse go ya gae kwa Kapa Botlhaba, ke ka utlwa gore o ntse a botsa balolapa lwa me gore ke tlile go goroga leng ka gonne o batla go mpona. Ke ne ke itse gore o santse a nthata. Fa ke mmona kwa bofelong, e ne e le letsatsi le le hutsafetseng, mme o ne a lela.

O ne a mpolelela gore ga a dumele gore ke ne ke sa mo siamela, fela o setse a nyetse motho yo mongwe, mosadi yo a nang le bana ba le babedi le monna wa gagwe wa pele, mme o ne a batla go tlhala. Ka motsi mongwe malom'aka o mpoleletse fa dipampiri tsa tlhalo di tlile fela ga ke a di bona, ka gonne ke ne ke se fa gae ka nako eo.

Ke santse ke akanya gore fa lolapa lwa monna wa me lo ne lo farologane, nkabe re santse re le mmogo. Ka ipotsa, 'Goreng re ne re sena bana? Matshelo a rona nkabe a itumedisa.' O ne a se nne le bana le mosadi wa gagwe o moša. Ke akanya gore se se diragetseng ke gore moloi o mo entile, go netefatsa fa a sa nne le bana.

Translated by Nchema Rapoo