Cormorants

© Shem Compion
Cormorants.

Ponalo

Ka lebaka le mmala wa tsone o montsho, di-Cormorants di bidiwa magakabe a lewatle. Bonnete ke gore leina la lelapa la tsone ke, Phalacrocoracidae, le le rayang gore legakabe la letwadi ka se Greek. Le fa e le gore di-Cormmorant di lebega dile bontsho, ga o ka tlhaba mofofu sentle o tla bona gore di na le mebala e e farologaneng go tswa go botala le phepole, botala ba metsi le bronze. Ka nako ya tsalo dinonyane tse di nna le ditsubaba tse di kganyang ka mebala e e farologaneng ko matlhong le fa kgokgotsong.
Di na le gular sac, kgotsa kgetsi mo kgokgotsong e e dirisetswang dilo tse dintsi. Di ka somela setlhabelo fa yone, e ka e thusa go itsidifatsa fa e hema, mme ka nako ya tsalo e tlhagisa mmala wa yone o kganyang go fereya tse di namagadi. E ka nna 63-101cm ka boleele, nonyane e ya metsi e na le nko e telele e kobegileng.
Dinao tsa tsone di di tona mme seo se di fa maitsetseleko mo metsing, fela di palelwa ke go itsetsepela sentle ga di tsamaya a one. Di tsamaya di ikgopa mme seo se dira gore dithube mae a le mantsi. Sbopego sa tsone se se di fang bokgoni ba go thuma se dikgoretsa mo moweng ga di fofa.
Dirope tse ditona, le mesifa ya dinoka e ya di imela ga o ka lebela bokete jwa yone le botona ba diphuka tsa yone. Ke sone seo se dirang gore dinonyane tse di tshammekele gaufi le lelapa mme ga dinke di folela kgakala le bogare ba lewatle.

Dijo

Ka ga di nna mo metsing a seng a letswai le a lewatle, bontsi di ja ditlhapi, mme di-amphibians le di-crustaceans le tsone di ka jewa.

Breeding

Nesting 3-5 chalky, pale blue-green eggs in a well-made platform of sticks, or of seaweed on the coast, placed in a tree or on a cliff or rocky island. They cement the nests together with guano and will often use the same nest again. Nests in colonies.

Maitshwaro

Le ga e le gore di nna sebaka se se intsi motsing, ga di na mafura a a thibelelang metsi a dinonyane tse dingwe tsa metsi di nang le one, ka jaalo di nna nako e le ntsi di omisa duphuka tsa tsone. Cormorants di dirisa mafelo a a tlwaelegileng mo go tsone go beela le go elama mae a tsone, ka jalo mantle a tsone a ka bokaganna kwa mafelong ao dingwaga di le dintsi.
Di palelwa ke go itsetsepela sentle mo fatshe mme di rata mafelo a a senang dimamale tse di tsomang. Ka dinako tse dingwe di nna mo stabeng mo mefologelong ga tse dintsi di di aga dintlhaga mo ditlhareng tse di suleng, tse emeng mo metsing.

Bonno

Letsha, Noka, Motshitlana, le matshitshi.

Kwa di ka bonwang kwa teng

Cormorants di bonwa gongwe le gongwe ka metsi a kopanang le letshitshi teng.

Leina La se Latini

Phalacrocoracidae.

Cape Cormorant

Tse di nosi le tse di tsamayang ka setlhopa di bonwa kwa metsing a kwa letshitshing, mme dibeela kwa matlhaketlhakeng a a leng gaufi le fao....more

Crowned Cormorant

Ke mofuta wa kwa lewatleng wa Timeletsane Ya Lotlhaka mme o bonagala ka bontsho jwa yona, moetse o o tlhagang ngwaga otlhe le mogatla o mokh...more

White-breasted Cormorant

E supiwa ka bogolo jwa yona le bosweu mo karolong tsa mmele tse di fa tlase, kgokgotsong le go ya sehubeng. Dithuthugi di tshweu gotlhelele ...more