Cape Cormorant

© Shem Compion
Cape Cormorant.

Leina

Cape Cormorant

Leina la se Latini

Phalacrocorax capensis

Lelapa

Phalacrocoracidae

Botelele

64 cm

Bonno

Tse di nosi le tse di tsamayang ka setlhopa di bonwa kwa metsing a kwa letshitshing, mme dibeela kwa matlhaketlhakeng a a leng gaufi le fao.

Modumo wa Nonyane

Ga di nke di dira modumo

Tsalo

Ka nako ya tsalo e e leng magareng ga dikgwedi tsa Lwetse le Tlhakole di nna mmala wa bontsho. Di aga sentlhaga ka seaweed le matlhokwa. Mae a di a beelang a ka nna 2-3 mme a mmala wa bosweu.

Tshwantsiso ya tse dinnye

Tse dinnye di mmala wa ntlhwa (brown), mme di botshetlhana mo mpeng.

Tshwantshiso ya tsa bagolo

Tsa bagolo tse di leng mo nakong ya tsalo di aparetswe ke mmala o o phatsimang wa motswako wa bontsho le botala, tlhogo ga e na ‘crest’, nko e motswako wa mmala lephutse le namune ka matlho a botalana. Molala o moleletsane, tllhogo e e phatsimang ka crest e nnyenyane.

Maemo

Ditlhalegile kgotsa di teng ka bontsi.

Phatlhalatso

Ka mariga di etela letshitshi la kwa Natal. Bontsi bo nna fa thoko ga letshitshi la borwa-bophirima jwa Kapa le boteng ba 50km kwa lewatleng.