Bush Pig
Kolobe ya naga

© Nigel J Dennis

Leina

Kolobe ya naga [potamochoerus larvatus]

Tlhaloso

Kolobe ya naga ke phologotsana e e tsamayang e le nosi bosigo mme e ka nna kotsi thata, ka gonne di dirisa dinaka tsa tsona tse di bogale fa di ikutlwa di tshositswe. Dipalo tsa tsona di oketsegile mo dikgaolong tse di tserweng da iswa polokelong le fa go tsoma go sa diragaleng teng. Di ja dijo tse di farologaneng tsa go tswa go ditshenekegi, mae le dinama tse di suleng. Kolobe ya naga gape e itsege ka bokgoni jwa go tlhasela dijalo.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Boima (sesadi): 48 - 66 kg
Boima (monna): 46 - 82 kg
Boleele (sesadi): 115 cm
Boleele (monna): 115 cm
Go dusa: dikgwedi di le 4
Nomoro ya bašwa: 3-8
Boketetsalo: 700g
Tolamo: Artiodactyla
Lelapa: Suidae

Pelegiso

3 - 8 di a belegwa go tswa kgwedi ya Ferikgong go ya go Ngwanatsele e dusa - morago ga paka ya dikgwedi di le 4.

Tlhaloso ya kgato

Ditlhakwana ke tse di anameng go feta tsa Kolobe ya mosima, le dinala tsa di bogale mo maotong a bonala sentle fa e gatileng. Dotlhakwana tse di anameng tse di dira gore di tshele kwa ntle ga kgoreletso e p emo tikologong ngwe le ngwee o di fulang gone. Di dira tsela e e tsweletseng e le nngwe ya ditsela tsa go ya go fepa, ka jalo, di dira tselana e e tshwailweng sentle.

Tshupô ya Kolobe ya Naga

Dikolobe tsa naga, Potamochoerus larvatus, di fitlhelwa gotswa kwa dikarolong tsa Afrika Borwa tse di kwa bokone le botlhaba go simolola kwa...more