Basil ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Ocimum basilicum
Leina la tlwaelô: Basil kgotsa Sweet Basil

Sejalo sa basil go akanngwa fa se tlholegile kwa India. Gompieno se jalwa go ralala lefatshe ka ntlha ya matlhare a sona a a foreshe le a a omisitsweng ga mmogo le dioli tse di botlhokwa.

Tlhalosô ya Sejalo

Setlhare sa basil se golela kwa boleeleng jo bo ka nnang 700 mm mme sena le kutu e e more e e tiang le go nna logong fa sejalo se ntse se gola. Matlhare a sebopego sa lee a a botala jo bo setlhefetseng a kgolokwe kwa thitông mme a motsu go se nene. Matlhare a fitlha kwa boleeleng jwa 80 mm le bophara jwa 30 goya go 50 mm. Mefuta mengwe e na matlhare a mahibitswana. Fa sejalo se letlelelwa go golela goya pele, dithunya tsa mmala o mosweu goya go lilac di tla tlhagelela le go nna dipeo.

Ditiriso

Basil e kotulelwa matlhare a yona a a monkgo-monate a a diriswang ale foreshe kgotsa a omisitswe, le go tlhagisa dioli le essence tse di botlhokwa. Matlhare a a foreshe le a a omisitsweng a diriswa mo kapeong jaaka ditsenya-tatsô mme gape a jewa ale matala mo disalateng.
Basil e itsagale ka ditiriso tsa yona tsa kalafi: go fedisa pherogo-dibete, pipêlô le borurugô. E dirisetswa go fedisa tshwenyego-maikutlo ka ge e na le bodiragatsi jwa go retibatsa maikutlo. Basil gape e dirisitswe mo go opiweng ke tlhogo mme e kaiwa fa e thusitse balwetse ba mototwane.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Basil e dira bontle mo mebung ya serokwa se se motlhaba e e tswang metsi sentle, e e kwa godimo ka botswatsheding. E ka mela mo mebung ya pH e e atologileng ya 4.5 goya go 8, fela e dira bontle mo mebung e e nang le pH ya 6.5.
Fa o siamisa mmu mo karolong ya jalô go botlhokwa go tshela mosutele kgotsa motshotelo wa botswa-tsheding o o lekaneng mo mmung. Seno se tshwanetse go lemelelwa kgwedi pele ga jalô go neela mefero mengwe le mengwe tshono ya go mela. Mmu jaanong o tshwanetse go êgwa ka êge ya papetlatsheko mo bekeng ya pele ga jalô go tlhagola mefero gape le go rethefatsa karolo ya jalô.

Bosa

Basil e gola bontle mo boseng jwa dithemphoritšhara tse di mo bogareng, mo dithemphoritšhareng tse di magareng ga 12°C le 28°C. E tlhoka themphoritšhara ya mediso e e kwa godimo ga 20°C. Sejalo sa basil se tshaba segagane. Mogote kgotsa maruru a a tseneletseng di senya sejalo sa basil le matlhare a sona a a seng boitshoko.

Dijadi

Mo tlhagisetsong-kgwebo, dijadi dingwe tse di tumileng ke: Anise, Camphor, Cinnamon, Dani, Dark Opal, Genovese, Large leaf, Lemon, Mammoth, Purple ruffles le Sweet.
Go botoka go bona kgakololô ya selegae ka ga mekgwa-tiriso ya jalô, le setlamo sa dipeo ka ga mofuta o o gaisang wa mmaraka o o lepilweng.
O se jale sepe ntle fela le fa mmaraka wa sona o setse o itsiwe.

Translated by Nchema Rapoo