Baobab
Mowana

© Peter Delaney

Leina

Mowana [Adansonia digitata]
Maina a mangwe a akaretsa boab, boaboa, tabaldi, bottle tree, upside-down tree le monkey bread tree.

Leina La Se-Latin

Adansonia digitata

Thanololo

Mewana yotlhe ke ditlhare tse di tlhotlhoregang tse di fapaanang ka boleele go tswa go 5 go ya go 20 meters. Mowana ke setlhare sa tebego e e sa tlwaelegang se se melang kwa dinaga-tlase tsa Afrika le Australia. Se ka gola go nna bogolo jo bo boitshegang, dipatlisiso tsa mokgwa wa carbon dating di supa fa se kgona go phela dingwaga di le 3,000. Mowana o mongwe wa bogologolo o o mosima kwa Zimbabwe o mogolo mo ebileng batho ba le 40 ba ka kgonang go dula ka mo gare ga kutu ya ona.
Mewana e e farologaneng e dirisitswe jaaka lebenkele, kgolegelo, ntlu, polokelo le boemela-bese. Kutu e borethe ebile e a phatsima, ga e tshwane ka gope le lekwati la ditlhare tse dingwe, mme mmala wa yona o bosetlha jo bo pinkinyana kgotsa nako dingwe e mmala wa koporo.
Fa di sena matlhare, dikala tsa Mowane di lebega jaaka medi e e tswileng mo moweng, okare setlhare se jetswe godimo go lebile tlase. Mewane e thata go bolawa, e ka tshubiwa kgotsa ya ôbolwa lekwati, mme fela e tlile go tlhoga lekwati le leša e tswelele go gola. Fa e swa, e bôla go tswa ka mo gare mme e welê fatshe, e tlogele thothobolo ya ditlhale. Seno se dira gore batho ba akanye fa Mowane o senke o swa, mme o nyelela fela.
Mowana o o godileng o ka bopa thulaganyo-phelo ya ona, jaaka o tshegetsa botshelo jwa ditshedi di le dintsi, go tloga ka diamusi tse kgolo go ya go dikete tsa ditshedi tse nnye tse di tsenang ditswa mo diphatlheng tsa ona. Dinonyane di aga dintlhaga mo dikaleng tsa ona; ditshwene di ja maungo; Dikgajwanamasigo le dimmamanthwane tsa leungo di nwa matute mme di ungwise dithunya, fa ditlou go itsiwe di rema le go ja setlhare sotlhe. Mowane o monnye o lebega go sa tshwane le o o godileng, mme ke ka fao Basarwa ba dumela gore ga o gole jaaka ditlhare tse dingwe.
Ba dumela fa o thubagana fa fatshe go tswa godimo, o setse o godile, mme o nyelele ka nngwe ya matsatsi. Ga go makatse fa go dumelwa e le ditlhare tsa dikgagamatso.

Dithunya le Maungo

Mowane o na le dithunya tse kgolo tse tshweunyana tse di bulegang bosigo. Leungo, le le golang go ka fitlha boleele jwa lenao, le na le tartaric acid le Vitamin C mme le ka tsuntsunyetswa kgotsa la inelwa mo metsing go dira senotsididi. Gape le ka besiwa le go silwa go dira sênô se o kareng ke kofi. Leungo ga se karolo fela ya Mowane e e ka dirisiwang. Lekwati le a betsakakiwa go dira thapô, meseme, ditlatlana, pampiri le lesela; matlhare a ka bidiswa mme a jewe, fa sekgomaretsi se ka diriwa go tswa go mmudula.

Ditiriso

Tlhale e e tswang mo lekwating e dirisiwa go dira thapô, ditlatlana, lesela, megala ya dikatara le dihutshi tse di sa tseneng metsi. Le fa go ôbola lekwati kwa tlase mo kutung tsa ditlhare di le dintsi go ka dira gore di swe, Mewane ga e kgone fela go falola modiro-tlwaelo ono, mme di kgona gape go tlhogisa lekwati le leša.
Matlhare a a foreše a Mowane a fana ka morogo o o jegang o o tshwanang le spinach, o o dirisiwang gape jaaka molemo go alafa bolwetse jwa diphilô le setlha, bolwetse jwa mafatlha, go longwa ke ditshenyekegi le malwetse a mangwe. Maungo le dithôtse tse di tatso di le dikotla di batliwa thata, fa mmudula wa Mewane ya Afrika le Australia e kopanywa le metsi go dira sekgomaretsi.

Dinoolwane

Go ikala le Zambezi, merafe e dumela gore fa lefatshe le ne le santse le le leša, Mewane e ne ena le tshiamo mme e le motlotlo. Fela ka lebaka le le sa itsiweng, ene ya simolola go rena mo dimeleng tse nnye. Badimo ba ne ba galefa mme ba komula Mewane, ba e latlhela mo lefatsheng medi e lebile godimo. Mewa e e maswe jaanong e pokela dithunya tsa ona tse tshweu mme mongwe le mongwe yo o kgetlang sethunya o tla bolawa ke tau. Mowane mongwe o mogolo kwa Zambia o kaiwa o pokelwa ke sepoko sa tlhware.
Pele ga go fitlha ga basweu, tlhware e kgolo e ne e dula mo kutung e e phatlha mme tlware eno e ne e obamelwa ke batho ba fao. Fa bane ba rapelela pula, kotulô e ntle le tsomô e e siameng, tlhware e ne e araba dithapelo tsa bona. Motsomi wa ntlha wa mosweu o ne a thunya tlhware eno mme seno se ntsê le ditlamorago tse di kotsi. Mo masigong a a didimetseng baagi ba kaya fa ba utlwa mosumo o o tswelelang go tswa mo setllhareng se segologolo.
Kwa Kafue National Park kwa Zambia, nngwe ya Mewana e megolo thata e itsege ka 'Kondabamwali' - setlhare se se jang makgarebe. Setlhare se segolo seno se wetse mo maratong le banyana ba ba ntle ba le banê ba ba neng ba dula ka fa tlase ga moriti wa sone. Fa ba sena go nonofa ba ile ba batla banna le go dira gore setlhare se fufege. Bosigo bongwe, fa pula ya matlakadibe ena, setlhare se ne sa bula kutu ya sone le go kometsa makgarebe.
Ntlu-boikhutso e ne ya agiwa mo dikaleng tsa setlhare seno. Mo masigong a pula tsa matsubutsubu, ke selelo sa makgarebe a a tshwerweng se se dirang gore batho ba ba mo ntlung-boikhutso ba thathasele - e seng medumo ya diphologolo tsa naga.
Go ikala ka Limpopo, go dumelwa fa mosimanyana a ka tlhapiswa ka metsi a go neng go inetswe lekwati la Mowana mo go ona, a tlile go nna monna o o kwenneng fa a gola. Ditumelo dingwe di itshupile fa di na le tlhomamo ya science. Banni ba dumela fa basadi ba ba nnang kwa Mowana o leng teng ka bontsi ba nna le bana ba ba ntsi go feta basadi ba ba nnang kwa dikgaolong tse di senang Mowana. Ba ja sopo e e dirilweng ka matlhare a Mowana, a a ungwileng ka di-vitamin.
Seno se tlaleletsa tlhokego nngwe le nngwe mo phepong ya bona. Dingaka di supile fa seno se tota se tlisa go kgona go tsadiso go go kwa godimo.
Mosarwa wa Afrika o na le neelwane e e buang ka modingwana Thora. O ne a sa rate Mowana o o neng o mela mo tshingwaneng ya gagwe, mme o ne a o latlhela kwa ntle ga lobota lwa Paradeise go wela kwa tlase mo lefatsheng, mme le fa setlhare se ne sa tlhoma botlase jwa sone bo le kwa godimo, sene sa tswelela go gola.
Ga go makatse gore setlhare sa tebego e e sa tlwaelegang jaana se nne le di superstition tse di amangwang le sone. Batho bangwe ba dumela gore fa o ka kgetla sethunya sa Mowana o tla jewa ke tau, mme fa o ka nwa metsi a dithôtse tsa Mowana di neng di inetswe mo ona o tla falola tlhaselo ya kwena. Merafe mengwe kwa Transvaal ba tlhapisa basimanyana mo metsing a lekwati le neng le inetswe mo ona. Mme, jaaka setlhare, ba tla gola ba nne dinatla.

Di fitlhelwa kae

Mowana o aname ka bophara go ralala Afrika. E mela gape le kwa Madagascar, India, Ceylon le Australia. Di mela kwa karolong tse di ntsi kwa Zimbabwe. Kwa Profenseng ya Bokone di fitlhelwa magareng ga noka ya Limpopo le dithaba tsa Zoutpansberg. Messina e tota e le toropo ya Mowana. Gona le Mowana o o tumileng o o bitswang 'halfway Baobab' magareng ga Louis Trichardt le Messina, motswedi o ba le bantsi ba nweleng mo go ona. Mewana e bonagala e rata naga tse di mogote di tletse motlhaba.